Breaking News

Phepafatsang Francistown

16 Apr 2015

Mmatoropo wa Francistown, Mme Silvia Muzila, o buile a sa kgale mathe ka matlakala a a leswefatsang toropo eo.

O buile seo Moranang a tlhola lesome le botlhano mo bokopanong le banni ba kgaolwana ya Central, a supa fa tikologo eo e le leswe mo go ngomolang pelo.

Mme Muzila o tlhalositse fa toropo eo e na le tebelo pele ya go re e re ka ngwaga wa 2022 e bo ele ya maemo a ntlha. A re seemo sa matlakala se bifisa tebego ya toropo ka fa e ntseng ka teng, a tlatsa ka gore seemo seo se tlhoka go emelwa ka dinao.

Mme Muzila o kopile banni ba Central go tlhwaafalela go phepafatsa malwapa a bone ga mmogo le tikologo, mme a tlatsa ka gore khansele e simolotse letsholo la go otlhaya bao ba ba latlhelang matlakala gongwe le gongwe ka fa go sa letlelelweng.

O rotloeditse morafe go ipetsa ka thupana go duela makgetho, a tlatsa ka gore botlhokwa jwa makgetho ao ke go tlhabolola toropo. A re bone le badirela puso ba tshwaraganetse kgang ya go lwantsha tshenyetso setshaba gore ba tle ba kgone go somarela madi a puso le gore a dirisiwe sentle mo ditirong tse di lebaneng.

O kopile badiri ba Ipelegeng go tsenya moko mo dinameng fa ba filwe tiro le go e wetsa ka bofefo. Le fa go ntse jalo, Mme Muzila o rotloeditse morafe go inaakanya le mananeo a nyeletso lehuma go itshetsa le ba malwapa a bone.

Fa a mo kgwa dikgaba, Rre Julius Mazwiduma o lebogetse lenaneo la Ipelegeng a re le botlhokwa fela thata, a re maikaelelo a lone ke go ntsha maduo. Rre Mazwiduma o lebogetse ditlhabololo tse di tsweletseng mo toropong le go kopa makhanselara go tshwaragana ba thuse morafe ka fa go tshwanetseng.

Rre Isaac Kgabo go tswa ko khanseleng ya toropo o boleletse morafe fa khansele e emisitse go fa morafe ditanka tsa matlakala, a re fa ba fitlhela e kgologolo ba e ntsha mme ke maikarabelo a monni gore a itsenyetse tanka ya matlakala.

Mokwaledi wa toropo, Rre Lebuile Israel a re ba dirile maiteko a go oketsa dikompone tse di tsayang matlakala go tswa mo go bone go ya kwa go bosupa. A re maiteko ao ke go leka go re ba aname le toropo ka bofefo ga mmogo le go tlhamela Batswana mebereko. Ends

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : Francistown

Event : Bokopano

Date : 16 Apr 2015