Breaking News

Mangole o begela banni ka molao kakanyetso wa lefatshe

16 Apr 2015

E re ka jaana Batswana ka bontsi ba batla ditsha, puso e tla ka ditsela le dikakanyo tse disha go tokafatsa peo ya lefatshe le tiriso ya lona.

Mopalamente wa kgaolo ya Mochudi Bophirima, Rre Gilbert Mangole, o ne a a lekodisa morafe ka molao kakanyetso wa tiriso ya lefatshe kwa Malotwane ka Labobedi.

A re ere ka jaana Batswana ka bontsi ba ba berekang mo Gaborone ba nna mo metseng e e mabapi e tshwana le Bokaa, Tlokweng, Gabane, Metsimotlhabe le metse e mengwe seo se bakile gore ba kope ditsha tsa bonno ka bontsi mme seo se kokonetse lefatshe fela thata.

Rre Mangole a re palamente e tshwere phage ka mangana go buisana ka molao kakanyetso oo mme dipuisano tsa one ga di ise di fele.

A re nngwe ya ditshetlana tsa molao oo ke go seegela fa thoko palo e e rileng ya ditsha tsa bonno gore di sologele molemo beng ba lefelo kana kgaolo eo. Mopalamente Mangole a re ke mogopolo o motle mme gape o ka nna kotsi ka gore o tla bo o ama lefathse lotlhe.

A re ene o bona go le botoka fa Tautona Lt Gen Seretse Khama Ian Khama e ka nna ene a dirisang dithata tsa gagwe go araba selelo sa batho ba metse e e amegang gona le gore molao kakanyetso oo o bo o akaretsa lefatshe lotlhe ka one o neela tautona dithata tsa go dira jalo.

Le fa go ntse jalo Rre Mangole o ne a supa fa o ka berekela ba ba gaufi le Gaborone mme mathata a ya go nna fa lefatshe la metse eo le fela, gore jaanong ba tla bo ba le lebisa kae go kopa ditsha.

A re ere ntswa molao wa kabo lefatshe o re motswana o ka kopa setsha gongwe le gongwe mo Botswana mme a bewe, jaanong molao kakanyetso wa re motswana o tla bewa gangwefela mo lefatsheng lotlhe la Botswana.

Mopalamente Mangole o ne a tlatsa ka gore molao wa re le fa o ka bona setsha mo go wa ga lona, ga o kake wa se bewa ka gore ba kabo ditsha ba setse ba go beile setsha golo gongwe.

A re le fa gontse jalo o ka reka setshaba kana wa fiwa setsha sa boswa go sena molato ope a tlatsa ka gore beng ba masimo a a sa bolong go nna a sa dirisiwe, molao oo o neile puso thata ya go ka a tsaya mme e a neele ba ba batlang masimo.

Mme a supa gape gore molao kakanyetso oo wa re motho o tla bewa tshimo e le nngwefela gangwefela e seng jaaka pele motho a ne a kgona go kopa masimo mo dikgaolong ka go farologana.

O ne a lekodisa morafe gape ka molao wa kwadiso ya dikereke le gone gore go feletse go dumelanwa gore motho a kwadise kereke o tla tlhokana le palo ya 150 e e neng ya fokodiwa gotswa kwa go 250.

Rre Mangole a re go tlile jalo morago ga go kopa gore ba seka ba paledisa Batswana ba ba nang le pisto ya modimo go bula dikereke le ntswa bare ba thibela batswaka go bula dikereke mo lefatshe la Botswana.

E rile banni ba mokgwa dikgaba, ba supa fa ba lebogele tekodiso ka melao e mesha e palamente e e buisanang mme ba supa fa gole mosola gore ba itse dilo tse tsotlhe. Rre Ogolotse Ntwaagae o ne a kopa mopalamente gore fa ba ikopetse diphatlha mo motseng wa bone go tsaya lebaka le le kae gore ba bewa mme Rre Mangole a mo tlhalosetsa fa metse e e dikologileng Mochudi e le mo lenaneong la ditlhabololo mme seo se raya gore ba kabo ditsha ga ba kake ba dira sepe go fitlhelela tsamaiso ya bone e wela.

A re le fa go ntse jalo o tla ikopanya le bone go bona gore kgang ya bone e tsamaya fo kae le gore ba tla simolola go baya batho leng.
Ere dikgang di eme jalo mopalamente Mangole o ne a lebogela morafe wa motse oo go mo tlhopha go ya palamente a re seo se mo dirile matlotlo fela thata mme a solofetsa go dira ka natal gore kemedi ya bone e nne ya maemo a ntlha. Ends

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Mochudi

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Apr 2015