Banni ga ba dumelane le ditsetlana
16 Apr 2015
Banni ba Mmatshumo, Mosu le Khwee mo kgaolong potlana ya Boteti ga ba dumalane le di tsetlana dingwe mo tsamaisong e ncha ya kabo ditsha e tona wa ditsha le matlo a e beileng mapalamente pele.
Banni ba ne ba ganana le ditsetlana dingwe kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa bone wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe kwa metseng eo bosheng.
Ba ne ba ganana le tsetlana ya gore go dirwe khupelekhupele fa go abiwa ditsha, ba re tsamaiso ee ntseng e dirisiwa ya go abela baba ikopetseng pele ke yone e siameng,bane gape bare kgang ya go baya batho dipolase mo lefatsheng la bone eya go baya ka fa mosing baba senang madi.
Rre Lelatisitswe o tlhaloseditse banni ba metse eo gore puso e lemogile gore lefatshe le a tlhaela e bile kabo ya lone e tlhakatlhakane ,thekiso ya lefatshe e e ko godimo,bo maipafela ditsha tse disa tlhabololwang,le go ketela ko mafelong mangwe , mme ya tswa ka thulaganyo ya gore go dirwe moalo lefatshe lotlhe,le gore go fetolwe ditsetlana dingwe tse dintseng di dirwa mo kabong ya lefatshe.
Mopalamente one are ka jalo o tsisitse tsamaiso e ko go bone gore le bone bane le seabe mo go yone ,gore a ba dumelana le gore go dirwe khupekhupele fa go abiwa ditsha, kana ya gore go beiwe yo o ikopetseng pele,le gore mafudiso aa kopanetsweng puso e tla thusa go agelela,le gore motho o tlabo a letelelwa gona le setsha sengwe sa motse le sa tshimo mo lefatsheng lotlhe,mme fa o lemela kgwebo go ka sekwasekwa gore o fewa sa bobedi,le gore setlankana sa setsha se tlabo se tlhabolotswe mo motho a ka se dirisang go beeletsa ka sone fa a adima madi.
One gape a tlhalosa fa mo ditsheng tsa dikgwebo go sena palo ee laolelwang motho,a supa fa bana-le- bogole,dikhutsana,bomme,le banana batla akanyediwa go fiwa ditsha pele go labile mabaka ,ebile gotlabo go sa letelelwe motho go fetola tiriso ya setsha,le batswakwa ba tlabo basa fiwe ditsha.
Mo go tse dingwe mopalamente o boletse fa puso e lemogile gore ngwaga ono dipula di padile mme ya ntsha lekoko le le sekasekang gore lehuma le amile Batswana gole kae.one gape a kopa badirela puso go bereka ka natla go thusa setshaba.a bo a kopa batsadi go rotloetsa banana go tsena diphuthego gore batle ba ithute ka mananeo a a teng a puso.
Mopalamente o ne a ba kopa go dirisana le makhanselara ,a re dikgang tse dingwe di ka rarabololwa ke makhanselara ga mmogo le ofisi ya mopalamente ka bonako, gona le gore ba di emisetse diphuthego tsa mopalamente. BOPA
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : MMATSHUMO
Event : Diphuthego tsa kgotla
Date : 16 Apr 2015






