Mapodisi a Ramotswa a kgalemela lenyatso
15 Apr 2015
Bakgweetsi ba le masome a mabedi le botlhano ba tshwaretswe go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng.
Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa mapodisi a Ramotswa mo lephateng la pharakano, Assistant Superintendent Agreipa Gambule, mo potsolotsong bosheng.
Ass Supt Gambule o tlhalositse fa ba tshwere batho ba le barataro ka molato wa go kgweetsa ba sena diteseletso tsa go kgweetsa, fa ba le babedi ba tshwaretswe go kgweetsa dibaesekele bosigo ba se kelotlhoko.
O boletse fa ba tshwere batho ba le bararo ka ntlha ya go pana ditonki di le tharo di bapile, fa ba le bararo ba tshwaretswe go utswa motlhaba.
Ass Supt Gambule o boletse fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone, motho mongwe a thudileng jarata nngwe kwa kgotleng ya Magope, mme a bo a tlogela koloi a sa tlaleela mapodise.
Mo go tse dingwe Ass Supt Gambule o supile ba tshegeditse koloi ya rre mongwe, yo a neng a tshwarwa ka molato wa go kgweetsa koloi mmamadikwadikwane kwa motseng wa Boatle.
O supile fa ba tla a tswelela ba ema mo ditseleng go tlhomamisa gore molao o a diragadiwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Puisano
Date : 15 Apr 2015






