Breaking News

Go sego letsogo le le abang

15 Apr 2015

Kereke ya Underby Christian Church e supile fa lerato le ka neelwa ka metlhale e mentsi. 

Mokwaledi wa kereke ya Underby Christian kwa Tutume, Mme Goitseone Monyao o tlhalositse fa kereke ya bone e kgatlhegetse go abela balwetse le ba ba kobo dikhutshwane.

O tlhalositse gore ka le bone e le karolo nngwe ya setshaba mme ba tlhokile lesego la go ka utlwa matute a mofufutso wa phatlha tsa bone ka mabaka mangwe a botshelo.

Ba kereke ya Underby Christian church bane ba nna basamarea ba ba molemo ka go abela balwetsi ba kokelo potlana ya Tutume maungo,dinotsididi le tse dingwe. E rile amogela dimpho tseo,mooki kwa kokelong ya Tutume, Rre Siame Setumo, a bo a itumetse go bo balwetsi ba kgonne go lemogwa ke batho ba ba mo tseng.

A tlhalosa fa sejo sennye se sa fete molomo a re se ke sesupo sa go kgathalela ba basa kgoneng le go ba tiisa moko.

Rre Setumo o tsweletse ka go akgola kereke ya Underby christian a re se ke kgato e tota e bile e ka nonotsha sechaba go tsaya karolo le go fa balwetsi lorato.

Morago gab a sena go abela balwetsi ba ne bay a go abela Rre Vamba Nkhete dijo le go morapelela .Rre Nkhete yo o ngwaga di masome a ferabobedi le botlhano ke motlhoki gape o setse a koafaditswe ke bolwetsi.

Rre Nkhete o ne a leboga a sa kgale mathe a re o tshela ka tshokolo mme se e tla ele tshegofatso mo botshelong jwa gagwe. Rre Nkhete a re o leboga ramasedi go bo a mo babalatse. Are le tswa a godile gape a le bokoaa o nale tsholofelo e ntsi mo go ramasedi. A boa a ikopele maloko a kereke gore banne ba mo baya mo dithapelong tsa bone.

Motlhokomedi wa gagwe e leng morwadie, Mme Oneni Nkhete a re o lebogile go menagane ke thuso e maloko a kereke ya Underby Christian church e ba diretseng sone. A re go thata ya letswe ka ga a kgone go dira sepe mo botshelong jwa gagwe ka a tlhokometse rragwe.

Ba kereke ya Underby Christian church bare go leboga bone ka dimpho tsa bone diatlegile ntleng le makgwere ape. Ba tlhalositse fa ba rata go dira tiro ya modimo ka go thusa bao bas a kgoneng go itirela sepe mo botshelong. Ba tswelela ka gore ba dira se ka ditshegofatso tsa modimo, ba batla go fetisetsa ditshegofatsho ko sechabeng.

Se yabo e se lone lebaka fela ba gatiseletsa le fa ba batla go fitlhelela nngwe ya matshego a tebelopele ya ngwaga wa 2016, e ereng chaba sese kutlwelo botlho se tlhokomela batho bothe se sa ile ope.

Bare le ntswa ba ne ba ratile go kabo ba amile matshelo a batho ba bantsi se ga se ba nyemise moko ka ba santse batla abela sechaba. Bare le mmenyana le ba le bonang e le kereke ba leka ka bojotlhe gore le dire pharologanyo mo chabeng ka se ene e se tiro ya bone ya ntlha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Setshege Muzila

Location : TUTUME

Event : Kabo dimpho

Date : 15 Apr 2015