Breaking News

Puo ya setswana mo dikoleng e botlhokwa

24 Sep 2014

Baithuti ba sekole se segolwane sa Madiba ba gwetlhilwe go dira ka natla go tlotlomatsa puo ya Setswana e go lebegang tiriso ya yone e nyelela ka monokela.

Fa a abela batsenelela kgaisano ya polelo ya Setswana dimpho moanamisa mafoko wa kompone ya Botswana Railways, Mme Kefilwe Batsalelwang o boletse fa se e le tumalano ya Botswana Railways le sekole se segolwane sa Madiba, e e simologile ka 1999.

O tlhalositse  fa nako ya teng batsadi le barutabana ba sekole sa Madiba ba ne ba tshwenyegile thata ka go sa direng sentle ga baithuti ba sekole seo mo dithutong tsa Setswana ka jalo ba tswa ka moono wa go simolodisa kgaisano eo mme ba ya go kopa thotloetso kwa komponeng ya Botswana Railways.

O rotloeditse baithuti go ikamanya le kgaisano e ka go ka thusa go tlhabolola matshelo a bone gammogo le go tlotlomatsa puo ya Setswana le gone go somarela ngwao.

Mme Batsalelwang o lebogile batsenelela kgaisano eo ka go ba abela dimpho di akaretsa dibuka, sekapa ditshwantsho, dibalamakgolo a bo a abela mogokgo wa sekole sa Madiba mpho ya malebo.

Mofenyi wa kgaisano eo,  Bakang Dipogiso o ikgapetse sebala makgolo sa maranyane a sesha , fa ba ba mo lomang serota eleng Tefo Zongwa le Hendry Keinetse bone ba ikgapetse dimpho tsa sekapa ditshwantsho  mongwe le mongwe wa bone. 

Mongwe wa barulaganyi ba kgaisano eo, e bile e le morutabana wa Setswana mo sekoleng sa Madiba, Mme Theresa France o boletse gore go botlhokwa go lemoga gore sekole sa Madiba ke sa Setswana ka se eteletswe pele ke mogokgo yo e bileng e le morutabana wa puo ya Setswana, ka jalo sekole seo se na le boitseanape mo tirisong ya puo ya Setswana mme e tshwanetse gore e jwelelele mo baithuting. 

Kgaisano eo e ne e tshegeditswe ka setlhogo se se reng,’ Seabe sa diterena mo go tlhabololeng itsholelo ya Botswana. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Mpho Mawikila

Location : MAHALAPYE

Event : Kgaisano ya polelo ya Setswana

Date : 24 Sep 2014