Banana ba kopilwe go itharabologelwa
15 Sep 2014
Banana ba Rapplespan kwa kgaolong ya Kgalagadi ba kopilwe go tshwaragana le dialogane tse tharo tsa mokgatlho wa Community Capacity Enhancement And Empowerment Society (CCEES) gore ba kgone go tswa ka maano a ba ka fetolang boitsholo le boitshwaro jwa bone gammogo le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo botshelong.
Mo thuto puisanong e e neng e tshwaretswe kwa motseng oo bosheng, moeteledipele wa banana, Rre Fredrick Yster o supile fa banana e le bone ba ba amegang mo dipolaanong tsa marato, go nna le bakapelo ba le ntsi , go nwa bojalwa phetelela, go dirisa diritibatsi le ditagi , dipetelelo le go ne go tsenwa ke mogare wa HIV/ AIDS.
O kopile batsena thuto puisano eo go tswa ka dithuso le dikgakololo tsa dikgwetlho tse di sa ba tshediseng sentle mo botshelong jwa bone jwa tsatsi le tsatsi.
O kgadile a sa kgwe mathe kgokgontsho e gantsi e dirwang ke borre mo go bomme, a kaya fa e sa siama ka bana ba tsaya malebela mo batsading ba bone.
O kopile botlhe ba ba kgokgontshiwang go tsaya kgato ka go ikuela mo go ba ba lebaneng. Mongwe wa banana ba motse oo, Rre Waldey Van Neel o rotloeditse banana go fokotsa le go ikgapha go tsenwa ke mogare wa HIV/AIDS gonne puso e senyegelwa ke madi a mantsi mo bolwetseng joo.
Rre Van Neel o supile fa lefatshe leno le sa ntse le tlhabologa ka jalo fa batho ba ka se fetole boitshwaro ba ka paledisa puso go dira ditlhabololo.
O tlhalositse fa lehuma le oketsa mogare wa HIV/ AIDS ka bomme ba felela ba ithekisa mebele ka lebaka la go itshetsa mme a re go dira jalo ga go a siama.
O kopile banana go inaakanya le mananeo a puso a ba ka itshetsang le go tokofatsa matshelo a bone ka one. Rre Van Neel o tsweletse a rotloetsa banana ka ene go rupa gonne go fokotsa kgonagalo ya go tsenwa ke mogare wa HIV/ AIDS.
E re ka jaana setlhogo sa letsatsi se ne se re, ‘Mebele ya rona ke tempele ya Modimo, se letlelele go tsenwa ke mogare o mosa’, Rre Van Neel o gateletse thata a bo a kopa batsena thuto puisano eo go tlotla mebele ya bone nako tsotlhe.
Fa a leboga, Sub-Inspector Wame Mahupu go tswa kwa Bokspits o tlhalositse fa bone e le ba sepodisi ba tshwenngwa ke dikgang tsa mofuta oo, mme a kopa setshaba go tshwaragana le go dirisa dialogane tseo.
O kopile batsadi go tlogela go bipa mpa ka mabele bogolo jang mo dikgannyeng tsa tlhakanelo dikobo ya bana ba dingwaga tse kwa tlase ba lebile go ja, a kaya fa dikgang dingwe tsa mofuta o di sa goroge kwa mapodising ka ba di loba.
Mme Mahupu o supile fa motokwane le nnotagi phetelela di ka senyetsa banana bokamoso le gone go koafatsa mebele ya bone.
Mme Mahupu o gwetlhile setshaba ka kakaretso go ema ka dinao go lwantsha borukutlhi le gone go dirisana le mapodisi ka go ba loma tsebe ka nako tsotlhe fa go diragala dipe tse di sa siamang mo metseng ya bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Thuto puisanyo
Date : 15 Sep 2014