Breaking News

Banana ba Malwelwe ba maoto a tshupa

13 Aug 2014

Kwa motseng wa Malwelwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, bogogi jwa motse bo tshwentswe ke go nna maoto a tshupa ga banana mo ditirong tsa motse le go sa tseye ngwao ka tlhwaafalo.

Fa a bua mo puisanong bosheng, Kgosi Bokau Tobe o boletse fa motse wa Malwelwe o ka seka wa bewa ke ope mo mmepeng fa e se banni fela, bogolo jang banana.

A re motse o saletse kwa morago ka jalo o kopa morafe go tsaya karolo mo ngwaong, go aga ditlhopha tsa metshameko, dikhwaere le mmino wa Setswana go ikgapha mo bogananeng.

O nankotse setlhopha sa mmino wa Setswana sa Dintsu tsa Malwelwe e le nngwe ya digauta tsa motse oo mme a tlatsa ka go supa fa setlhopha seo se thubega ka banana ba sa tseye karolo go se tiisa.

A re ka tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng, banana ba ka bo ba tsaya marapo go tsweledisa fa bagolo ba bone ba tlogetseng teng mo ngwaong le setlhopha se.

A re Dintsu tsa Malwelwe ke setlhopha sa mmino wa Setswana sa popota se se neng se itsege thata ka dinako tsa maloba. A re go dira ka bokgabane ga setlhopha se, go ne ga baya motse kwa godimo, a tlatsa ka go supa fa mo bogompienong seriti sa bone se nyeletse.

Kgosi o kaile fa bagolo bangwe ba Malwelwe ba ka nowa moro jaaka Mme Sekana Kooleboge yo e leng motlhami le moopedi wa pina ya ‘Mahala Ikakanyeng’, ya thulaganyo ya Dipina le maboko gammogo le Kgosi wa pele wa motse, Rre Kagoetsile Satsebe, a tlhalosa fa e le bagaka ba ngwao le mmino wa Setswana.

A re banana ga ba ithute sepe mo bagolong ba, ntswa ba na le bokao mo morafeng wa Malwelwe. Fa a tswelela, Kgosi Tobe o ne a tlhalosa Setswana se se reng, ‘kgosi thotobolo e olela matlakala’, a supa fa kgosi e kopanya  morafe e bile e rwele maikarabelo a gore morafe o tlotla kgotla le ngwao.

A re ga ipone tsapa, ka jalo ke sekai mo morafeng wa gagwe ka e le leloko la Dintsu Tsa Malwelwe. O ne gape a gatelela gore o ikiteile sehuba go ngoka banana go tsosolosa seriti sa ngwao, a supa bojalwa ka monwana a re ke bone mmaba ka banana ba itsalantse le jone thata.
Kgosi Tobe o supile fa ele matlhabisa ditlhong go bona banana ba ikantse bojalwa go na le dilo tsa botlhokwa.

O ikuetse mo morafeng wa Malwelwe go tsaya ngwao ka tlhoafalo, a re nako e tsile ya gore banana ba Malwelwe ba eme ka dinao ba tsosolose ngwao le go tsaya karolo mo ditirong tsa botlhokwa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kamogelo Nkile

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 13 Aug 2014