Lefoko la kgosi le agelwa mosako
16 Jun 2014
Batsadi ba bana ba ba tsenang dikolo tse di kgolwane kwa Molepolole ba dumalane le kgosi kgolo ya Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III gore, moretlwa e nne nngwe ya melemo e e tlaa dirisiwang ke magosana a motse go alafa boitsholo jo bo duleng mo tseleng jwa bana ba dikolo.
Kgosi Kgari III a re o bone gole maleba gore a tseye kgato go tokafatsa maduo a bana ba dikolo a tswang kgakala a wela tlase.
O buile jalo mo phuthegong bosheng. Phuthego e ne e tsenwe ke megokgo ya dikolo, lephata la thuto, mapodisi, batsadi le baeteledipele ba baithuti kwa sekolong se segolo sa Kgari Sechele II.
Phuthego e etla morago ga bokopano jwa ba-na-le-seabe jo boneng bo rulagantswe ke Kgosi Kagri III ka kgwedi ya Motsheganong, jo bo feletseng ka go ntsha ditshwetso tse di ka thusang go tokafatsa maduo a baithuti.
Batsadi ba dumalane le gore magosana a motse a kgaoganngwe ka dikolo tse di mo dikgaolwaneng tsa bone mme ere fa moithuti a ka tswa mo tselelng a isiwe fa go bone go rarabolola bothata joo. Ba tlhalositse gape fa ba sena mathata le mogopolo wa gore ba-na-le-seabe jaaka bogosi, batsadi le barutabana ba tshwaraganele go tlhokomela bana mo go tseneletseng.
Modulasetilo wa lekgotla la batsadi le barutabana la Kweneng Bokone-Bophirima, Mme Refilwe Diamond are batsadi ba tshwanetse ba bontsha bana ba bone lorato ka go tlhokomela thuto ya bone ebile a ba kgothatsa go tsena diphuthego tsotlhe fela tse di didiwang kwa sekolong.
“Fa o le motsadi o tshwanetse wa itse boitshwaro jwa ngwana wa gago mo lwapeng, kwa motseng le kwa sekolong tota ka gore go le gantsi o tla fitlhela re tsiediwa ke bana a le botho mo lwapeng kante kwa ntle ke sekebekwa,” Mme Diamond a bolela.
Fa a tlatsa, moeteledipele wa baithuti ba sekolo se segolwane sa Dithejwane, Segolame Mokopotsa o ne a kopa gore ma-cluster ba akarediwe mo go lwantsheng ditagi mo baneng ba dikolo. “Gantsi otla fitlhela go na le semausu se bana ba sekolo ba ratang go se kgobokanela, go botlhokwa gore dimausu tsa mofuta oo di tlhatlhobiwe gangwe le gape go tlhomamisa gore di rekisa eng,” Segolame a sedimosa.
Ramapodise wa kgaolo ya Kweneng, Senior Superintendent Kevin Mookodi o ne a dumalana le Segolame a re ele ba sepodise ba setse ba itemogetse fa go na le bagwebi ba ba rekisetsang baithuti ditagi, a kopa setshaba gore se se nne boi go ba loma tsebe.
“Fa re lomilwe tsebe ga re ke re rothisa mmutla madi ebile, malatsi a fa go diragetse gore re tshware badira molato, yo o neng a re lomile tsebe o atswiwa ka bonyennyane. Gape bagwebi ba tshwanetse ba itse gore ga re tlhoke teseletso epe go tlhatlhoba marekisetso a bone go tlhola ditagi mo go one,” Senior Superintendent Mookodi a tlhagisa.
Fa Kgosi Kgari III a fetsa, o ne a lebogela batsadi go tla phuthegong ka dipalo tse di nametsang le gone go tlatsa fa baneng ba feletse teng ele boeteledipele. O boletse gape fa batsadi ba tlaa bidiwa kwa dikolong tsa bana ba bone go ya go utlwa ka konetelelo ya ditshwetso jaaka, go itse gore keafe magosana a tlaa tshwanelwang ke go ikopanya nao fa ba na le bothata le bana ba bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Mmopi
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego
Date : 16 Jun 2014