Breaking News

Ba gwetlhwago tsaya thuto ya bana ka tlhwaafalo

27 Apr 2014

Mopalamente wa Bobirwa, Rre Shaw Kgathi o rotloeditse batsadi go tsaya thuto ya bana ka tlhwaafalo, gonne barutabana ba le esi ga ba kake ba kgona.

O buile seo mo diphuthegong  tsa kgotla kwa metseng ya Gobojango, Semolale le Mabolwe bosheng. Rre Kgathi a re dikolo tse dipotlana di dira sentle, mathata a tswa kwa go tse di kgolwane bogolo jang sa Matshekge, ka bana ga ba kgone go fetela kwa mmadikolo, ka ntlha ya maduo a a kwa tlase.

A re o tshwenyegile thata ka seemo sa go ima ga bana, a supa  fa monongwaga go setse go dule ba na ba le masome a mabedi le boraro kwa sekolong se segolwane sa Matshekge, mme ba imisiwa ke bagolo. A re se, ga se supe kgatelo pele mo thutong ya bana bogolong jang mo kgaolong ya Bobirwa.

O tlhalositse fa batsadi e le bone ba ka tsisang diphetogo mo thutong ya bana ba bone, mme a ba kopa gore ba seegele fa thoko mafoko a a reng puso ya re bana ba nale ditshwanelo. Le fa go ntse jalo, a re  puso  e tsena fa ngwana a otlhwaiwa ka fa go sa tshwanelang bogolo jang go dirisiwa dikiteo di tshwana  le motshe,

Mo ntlheng e nngwe, o ne a lemotsha setshaba gore bana ba dingwaga tse di ka fa tlase ga lesome le boferabobedi ba tla duela lekgolo la dipula, fa ba tsaya pasa ya mosepele.

Banni ba kgaolo ya Gobojango ba re, go abiwa ga dipudi ka lenaneo la LIMID ga  go tsamae sentle ka go buisana bana ba motho a le mongwe  go rekisa dipudi, go tswa foo ba kgaogana madi ao.

Ba tsweletse ba re, dikoloi tsedi  dirisiwang mo kokelwaneng ya Gobojango, Semolale le Mabolwe di siilwe ke nako, mme ba kopa gore go tsisiwe dikoloi tsa boleng jo borileng, tse di ka dirisiwang fa  balwetse ba batla thuso ba ntse ba le mo tseleng, go somarela botshelo ja motho,go goroga kwa kokelong e kgolwane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : BOBONONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 27 Apr 2014