Batshweneng ba a rumaruma
23 Mar 2014
Banni ba Mmankgodi erile ka Labotlhano, Mopitlo a tlhola malatsi a le masome mabedi le bongwe ba bo ba phophoma ka boitumelo jaaka Tautona Lt Gen Seretse Khama le badiri ba ofisi ya gagwe bane ba etetse morafe go o direla.
Tautona Khama le lekoko la gagwe , ba ne ba etetse motse oo go ntshafatsa leobo la kgotla ka go le penta, go ntshafatsa mekgabisa le go ba abela ditilo.
E re ntswa tiro ya letsatsi la mofuta o, e ne ele ya lephata, kgotla ya motse oo ya bo e thibile jaaka morafe o ne o tsile ka matlakanamane go tla go tlhakanela letsatsi le le badiri kwa ofising ya ga Tautona.
Go ne ga utlwala go kgelebetega ga megolokwane le meduduetso jaaka Tautona a ne a etelela badirile pele ka go penta leobo la kgotla. Mme se, sa bo se kaya boitumelo jo bo tlhalositsweng ke kgosi ya motse o, Kgosi Letlole Thobega fa a amogela Tautona le badirile ba lephata mo motseng wa gagwe.
Kgosi Thobega a re ele Batshweneng ba Mmankgodi, ba ne ba setse ba ipotsa dipotso gore a ba diretse lefatshe leno sebe. “Re ne rena le dipelaelelo tse dintsi tse Motswana ya reng a aakanya a re a ke latlhilwe,” ga bua kgosi Thobega.
Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi le, Tona mo Ofising ya ga Tautona, Rre Mokgweetsi Masisi o ne a tlhalosa fa Tautona e le ene a kgethileng go tla go direla banni ba Mmankgodi.
Rre Masisi o ne a tlhalosa fa letsatsi la go direla setshaba le simoloditsitswe ke Tautona Khama e ele maiteko a go fa badirela puso sebaka sa go tlhakana le setshaba go se direla.
“Mme a bua jaana ese fela gore bodiredi bo tla bo bo tsisa boitseanape jwa bone, ba tsisa le maikutlo a bone ,”ga bua tona Masisi.
A re ka letsatsi la go direla setshaba, badirela puso ba direla Batswana ka go farologana kwa mageng a bone, kwa dikerekeng , magotla a ditlhabololo kana tiro epe fela ya tlhabololo tsa motse.
O ne a kaya fa letsatsi le mofuta o, le efa Tautona Khama le ba ofisi ya gagwe sebaka sa go botsanya matsogo le morafe.
Tautona o ne gape a abela kgotla ya Mmankgodi ditilo di le lekgolo tsa morafe, le setilo sa manobonobo sa ga kgosi ga mmogo le porintara.
Mothusa kgosi ya motse, Rre States Thobega o ne a tlhalosa fa dimpho tse di tla thusa fela thata.
Mme le ene, a leboga Tautona go bo a tsere sebaka go tla Mmankgodi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bonang Masolotate
Location : MMANKGODI
Event : Letsatsi la badirela puso la go thusa setshaba
Date : 23 Mar 2014






