Breaking News

Ba abelana dikitso ka go lepa loapi

23 Mar 2014

Matlhogopuswa kwa Masingwaneng mo kgaolong ya Bokone Botlhaba a ne a amogela ka tsoo-pedi sebaka sa go abalana dikitso tsa tlholego tsa go lepa loapi le ba lephatana la tepo loapi kwa motseng oo ka Labotlhano, Mopitlo a tlhola malatsi a masome mabedi le bongwe.

Mo maitisong a a neng a tshwaretswe kwa kgotleng ya motse oo, bagolo ba motse oo ba ne ba supa fa e le boammaaruri go nale diphetogo dingwe tse ba di itemogelang mo matshelong a bone gompieno fa go tshwantshanngwa le mo dingwageng tsa maloba.

Mongwe wa banni, monnamogolo Rre Patiko Mogale o ne a tlhalosetsa batsena-tiro eo fa ka nako ya dingwaga tsa bone tsa bonana go ne go dirisiwa metlhale e e farologanyeng go lepa seemo sa loapi le go lebela pele gore go tla diragalang se se tla amang matshelo a batho.

Rre Mogale a re e ne e re ditlhare di tshwana le mosu le mongana di thunya pula e ise e phaile ba itse ntle le pelaelo fa ngwaga o o latelang e tla nna wa leuba.

Sengwe gape se a reng ba a se itemogela se se ka tswang se bakwa ke phetogo ya loapi, o kaile e le go nyelela sa dimela dingwe di tshwana le dirowa.

Monni yo mongwe Rre Nnang Wilson ene o ne a supa fa go le mo pontsheng gore seemo sa loapi se fetogile, a a fa sekai ka koketsego ya selekanyo sa mogote e e tsweletseng ka go goletsega ka go tlhatlologana ga dingwaga.

A re sengwe sekai se se bonwang le ke sefofu ke go phaila thari ga pula, tiragalo e a reng ka tlwaelo e ne e diragala ka dikgwedi tsa boLwetse le Phalane mme mo nakong eno e fudugetse kwa dikgweding tsa  Ngwanatsele le Sedimonthole.

Le ene fela jaaka Rre Mogale o ne a supa fa losika la ditlhare dingwe jaaka morojwa le morula di simolotse go nyelela ka monokela.

Fa a latlhela la gagwe, Rre Morati Bulayani o ne a supa fa ba ne ba lemoga dingwaga tsa tlala le kgora ka dinaledi.

A re go ne go nale ka fa dinaledi dingwe di ipopang ka teng go supega se se tla diragalang, mme batho ba nne le gone go ka ipaakanyetsa seemo se se tla tlang ka tsela epe fela e e maleba.

Fa a ntsha la motlapitsong, Mme Agnes Durban o ne a kgala mekgwa ya bangwe ya go ikgatholosa meila le ditsamaiso tse dingwe tse di farologanyeng tsa ngwao a re go dira jalo ke gone go tsetseng diphetogo tsa loapi tse di diragalang.

A re go sa tlotleng ngwao segolo jang ke basha go nnile le tlhotlheletso e kgolo mo go tseeng phekelo e sele ga seemo sa loapi.

Fa a bua pele ga dikakgelo tsa bagolo, mogolwane kwa lephataneng la Tepo Loapi Mme Chandapiwa Sebeela o ne a supa fa phetogo ya loapi e tlisitse diphetogo di le mmalwa di akaretsa koketsego ya mogote, phetogo ya go nag a pula ga mmogo le khuduga ya diphologolo go tswa kwa mafelong a tsone a tlholego.

Dingwe a re ke go nna kgapetsakgapetsa ga mauba le gone tota go anama ga malwetse a ka tlwaelo a neng a seyo mo dintlheng dingwe tsa lefatshe jaaka jwa letshoroma.

Maitiso a le bagodi ba motse a ne a tshwerwe ka maikaelelo a go ithuta ditsela tse ba neng ba lepa loapi ka tsone pele ga tshimolodiso tiriso maranyane a segompieno.

Maitiso ao a ne a tshwerwe bosigo jwa letsatsi pele go ketekwa segopotso sa letsatsi la mafatshefatshe la tepo loapi, le le neng le tsoga le tshwerwe kwa motseng oo wa Masingwaneng ka fat lase ga setlhogo se se reng, Go akaretsa banana mo go tsa tepo loapi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MASUNGA

Event : Phuthego ya kabelano dikitso

Date : 23 Mar 2014