Breaking News

Baphepafatsi ba lela ka go kgaolwa mo tirong

23 Mar 2014

Baphepafatsi ba kokelo ya Mahalapye le ya Sekgoma kwa Serowe ba tshwaile bagolwane ba lephata la botsogo phoso ba bolela fa go ba kgaola mo ditirong ga bone go tletse boferefere.

Baphepafatsi ba boletse mo potsolotsong fa mokwaledi mogolo mo lephateng la botsogo, Rre Kolaatamo Malefho, a setse a ba romeletse dikwalo tsa go intsha mo tirong, kgwedi eno e le masome mararo le motso, jaaka bangwe ba ne ba ikopetse mo ngwageng o o fetileng Lwetse a le lesome le borataro.

Mo lokwalong leo, le le kwadilweng Tlhakole a tlhola malatsi a le mane, go tlhalosiwa fa khamphani e e thapilweng ke puso go dira tiro mo boemong jwa babereki bao e tshwanetse go simolola Moranang a rogwa.

Mme Efentse Rankgomo, yo e leng mongwe wa ba ba kgaolwang, o boletse fa mo kokelong ya Mahalapye go kgaotswe babereki ba feta masome a mabedi, fa kwa Sekgoma palo ya badiri ba ba kgaolwang e ise e tlhomamisiwe.

Mme Rankgomo o supile bagolwane ba lephata la botsogo le baeteledipele ba lekgotla la Botswana Manual Workers Union ka monwana a re ba dirisitse maretshwa a go dumalana ka go ba kgaola mo tirong le mororo go se na se ba ka itshetsang ka sone, a tlatsa ka go re se se utlwisang botlhoko le go feta ke gore Botswana Manual Workers Union ke yone e go kabong go twe e lebagane le go lwela ditshwanelo tsa babereki.

A re se se tshwenyang e bile se hutsafatsa ke gore bangwe ba bone ba setse ba itsentse mo dikolotong ka go adima madi mo dibankeng go leka go tsweledisa matshelo ka jaana ba ne ba ikaegile ka ditiro tse ba neng ba dira mo go tsone, a tlatsa ka go bolela fa puso e ferekanetse maikaelelo a yone a go ba batlela ditiro mo maphateng a mangwe kana go ba tsenya mo dikokelwaneng tsa puso.

Bagolwane ba kokelo ya Mahalapye ba ne ba se yo go ka akgela mo go se. Le fa go ntse jalo, moanamisa mafoko wa lephata la botsogo, Mme Doreen Motshegwa,o tlhalositse fa lephata la botsogo le tshwere diphuthego di le mmalwa le badiri ba dikokelo go ba lemotsha ka maikaelelo a puso a go ithola ditiro le go neela dikhamphani tse di ikemetseng ditiro dingwe tse di ntseng di dirwa ke puso.

Mme Motshegwa a re le fa babereki bangwe ba leka go supa puso ka monwana, gone puso e tswa kgakala e lekodisa badiri ka maikaelelo a go tsenya ditiro dingwe mo dikhamphaning tse di ikemetseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 23 Mar 2014