Breaking News

Mongwe le mongwe o ka tshwara mmelaelwa

23 Mar 2014

Molao wa tsamaiso ya makgotla a ditsheko o laola gore Motswana mongwe le mongwe o ka tshwara mmelaelwa a bo a mmegela mapodisi.

Se se tlhalositswe ke Mmakaseterata wa Molepolole, Rre William Modise mo mosong wa Laboraro, Mopitlo a tlhola malatsi a le lesome le borobabongwe fa a gakolola Mme Keletso Nku wa kgotla ya Motlhabane kwa Thamaga, yo o ikuetseng kgatlhanong le monnawe ebong Ontiretse Nku gore o kabo a mo tshwere.

Mmakaseterata Modise a re motho yo o lebelelang molato o dirwa mme a bo a sa tsee kgato o tsewa fela jaaka modiramolato le ene. 

A re, “le fa o ka fitlhela batho ba lwa, ga o a tshwanela go ba tlhotlheletsa. O tshwanetse go ba kgaoganya o bo o ba begela mapodise, fa o sa dire jalo molao wa re le wena o lole ka o bone molato o diragala o bo o nna fela.” O tsweletse a re molao o wa tsamaiso ya makgotla a ditsheko, o letla motho go iphemela ka tsela epe fela.

A re fa motho a tseneletswe ke dikebekwa mo ga gagwe o ka iphemela mme morago ditlhotlhomiso di a dirwa go tlhola gore ke nnete motho o ne a iphemela.

Mme Nku, yo o dingwaga  di masome a mararo le botlhano, o na le dibeke tse tharo a ntse a batlwa ke mapodise mabapi le molato wa go kgathologa bana ba gagwe ba batlhano, ba botlhe ba leng dingwaga tse di ka fa tlase ga lesome le boraro.

Mongongoregi o tlhaloseditse lekgotla gore o ketefalelwa ke go tlhokomela bana ba  ga monnawe mo a feletseng a kopa thuso kwa go bommaboipelego ba Thamaga. O tsweletse a tlhalosa gore monnawe o phaketse a tsoga mo lapeng e bile o itse gore o batlwa ke mapodise.

Mme Keletso o ne a tlhalosetsa lekgotla fa bana ba ba ikgatholositsweng bao, ba le babedi ba na le rraabone yo a sa mo itseng, fa ba bararo le bone ba na le rraabone yo ene a direlang kwa Gaborone.

A re o ne a leletsa mapodise mme motshwara mogala a mo kopa go ema pele mme a ela ruri. A  re ene o tshaba monnawe mo a setseng a kile a kopa bangwe go mo thusa, ba le bone ba neng ba tlhobosa ka gore tiro ya go tshwara ke ya mapodise.

Mo potsolotsong mookamela mapodisi a Thamaga, Superintendent Moses Makgoeng o boletse fa boora Nku ba sa bolele kgang ka botlalo gore Ontiretse o ka bonwa kae, seo fela e le go fa mapodise motlhala.

“Re na le dibeke tse tharo re ntse re batla Ontiretse yo go bolelwang fa a tla bosigo mo lapeng mme a nyamela makuku.

Re kopile mogolowe go leletsa ba sepodisi nako tsotlhe gore re kgone go mo tshwara mme go retetse.

Re solofetsa gore pele ga re ya kgotleng ya ditsheko ka Mosupologo (gompieno) re tlaa bo re dirile magokonyane a a itseweng ke rona go mo tshwara,” Superintendent Makgoeng a bolela.

Mmakaseterata Modise o ntshitse taolo ya gore mongongoregi a batle maina a ga rraagwe bana ba ga monnawe mme a a tsise kwa lekgotleng ka Labotlhano gore a tle a fiwe mokwalo o o mo kopang go iponatsa fa pele ga lekgotla.

Kgang e beetswe go tsena gape gompieno mme Superintendent Makgoeng le ene a kopilwe go iponatsa fa pele ga lekgotla. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Mmopi

Location : MOLEPOLOLE

Event : Tsheko

Date : 23 Mar 2014