Montsamaisa bosigo ke mo leboga bo sele
23 Mar 2014
Batswana ba rotloediwa go ithuta go leboga fa ba bone se ba neng ba se kopile.
Go rotloeditse jalo mothusa tona wa thuto, Rre Patrick Masimolole kwa phuthegong ya kgotla kwa Ranaka mo Kgaolong ya Borwa bosheng. Mothusa tona a re ba tshwanetse go leboga Modimo mo dikgotleng morago ga go amogela dipula tse di namagadi tse di neleng bosheng. O boletse fa Batswana ba na le mowa o o maswe wa go lebala Modimo fa o sena go araba dilelo tsa bone.
Rre Masimolole o tlhalositse fa Tautona a rotloeditse gore mo diphuthegong tsotlhe fa Batswana ba kopane, ba leboge Modimo go bo o nesitse dipula tse di dirileng gore gompieno balemi ba bo ba simolotse go ja legwetla fa leruo lone le tsentse nama.
O boletse fa batho ba sa tshwanela go nna ba kgala fela le go ngongorega, mme fa tse dintle di diragetse ba sa leboge. O kgadile ba ba kgalang puso mme tse dintle tse e di dirang ba sa di lebogele.
Rre Masimolole o boletse fa batho bangwe ba kgala puso fela le fa e tlhasetswe ke dibetso tsa tlholego tse e ka sekeng e di laole jaaka leuba, merwalela le malwetse.
O ne a kgala batsadi ba banana ba ba tlogelang bana le bo nkukuabone ba ela ruri kwa ditoropong. A re ba bangwe ba boa ba tla botsetsing, mme ba rwese basadibagolo mekgweleo. Rre Masimolole a re go tlogela bana ba sekole le basadibagolo go dira gore bana ba seka ba ithuta sentle ka bagolo ba sa itse sepe ka sekole le gone go bala le go kwala tota.
O boletse fa basadibagolo ba palelwa le ke gone go tsena diphuthego tsa barutabana le batsadi ka ke dikoa ba palelwa ke botsofe. A re dikole tse di ikemetseng ka nosi di dira sentle ka gore batsadi ba duelela bana e bile ba tsena diphuthego tsa sekole ka botswapelo.
O tsweletse a re batsadi ba tshwanetse go tseelwa dikgato tse di gagametseng fa ba sa duele madi a ditlhabololo, mme a kopa gore bagokgo ba seka ba ganela bana ka ditlankana fa ba sa duela ka gore ga se molato wa bone ke wa batsadi. Fa ba akgela, batsadi ba dudueleditse mogopolo wa gore bana le fa ba sa duela ba neelwe ditlankana gore ba tswelele le dikole kana ditiro, mme ba nna ’bete se molangwana fa go twe batsadi ba sekisediwe go tlhoka go duelela bana.
Batsadi ba ne ba ngongorega ka letlhoko la matlo a boroko a barutabana, ba bolela fa go tlhakanela matlo go tsosa dikgotlhang tse di felelang di kgoreletsa tiro. Ba boletse fa barutabana ba amogela lemme le mororo ba tshwaragane le bothata jwa go simolola bana kwa tlasetlase.
Ba ne ba supa fa mangwe a matlo a borutelo a onetse. Rre Masimolole o ne abela komiti ya ditlhabololo P1 000. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Mar 2014






