Ba Kgalagadi Borwa ba rotloediwa go ikwadisa
23 Mar 2014
Go bolelwa fa dipalo tsa batho ba ba ikwadiseditseng ditlhopho kwa Kgalagadi di sa nametse gotlhelele.
Se se boletswe ke mogolwane wa ofisi ya ditlhopho kwa Kgalagadi, Mme Francinah Moeletsi fa a ne a buisana le BOPA bosheng.
A re dipalo tsa batho ba Kgalagadi Borwa ba ba ikwadiseditseng ditlhopho di kwa tlase fa go tshwantshanngwa le tsa Kgalagadi Bokone ka go ikwadisitse ba le 2 280 fa kwa bokone e le 2 446. O kaile fa palo ya batho ba Kgalagadi Borwa e ka nna 32 000, fa go bapisiwa le ba Kgalagadi Bokone ba le 18 000.
Mme Moeletsi a re dipalo tse dintsi tsa batho ba ba nnang kwa Kgalagadi Borwa ke babereki go tswa mo mafelong a mangwe, jalo a re dipalo tse di kwa tlase tsa ikwadiso di bakwa ke gore batho bao ba ikwadisitse kwa magaeng a bone.
Mme Moeletsi o kaile fa tsholofelo ya bone e ne e le gore mo ikwadisong ya poeletso e e tlang, setshaba se tlaa ya go ikwadisa ka makatlanamane. A re se se swabisang ke gore batho ba ne ba ya teng ka go rotha fa mo malatsing a mangwe ba ne ba sa iponatse kwa matlhophelong gotlhelele.
A re mangwe a maiteko a ba a dirileng go isa molaetsa kwa setshabeng ka ikwadisetso ditlhopho ke go tlhopha baemedi ba banana kwa metseng ya Werda le Hukuntsi, selo se a reng se ba bereketse thata ka banana ba kgaolo eo ba ikwadisitse ka dipalo tse di nametsang fa go tshwantshanngwa le bagolo.
O supile fa gape ba ne ba ikopanya le boeteledipele jwa metse jaaka dikgosi, baruti, dikomiti tsa ditlhabololo gore ba ne ba rotloetsa le go tlhalosetsa morafe ka mosola le botlhokwa wa go ikwadisetsa ditlhopho gongwe le gongwe fa o kokoanyeng teng
Fa a bua ka mapolotiki, o kaile fa ba ne ba sa tsenya letsogo mo go nametsang ka go kgothatsa batlhophi go ya go ikwadisetsa ditlhopho.
Mme Moeletsi a re le ntswa setshaba se sa tsibogela go ikwadisetsa ditlhopho mo poeletsong ya ntlha, o nona pelo ka mathe ka go re gongwe ba tlaa ya ikwadisetsong ditlhopho tsa poeletso ya bobedi e e tlaa simologang Motsheganong a tlhola letsatsi go fitlha e le lesome le boferabobedi.
Mme Moeletsi o gakolotse setshaba go tsiboga le go iketleeletsa go ya go ikwadisetsa ditlhopho ka makatlanamane mo malatsing ao, a supa fa ikwadisetso ditlhopho e le tshwanelo ya bone e e ka fa molaong gore ba kgone go tlhopha, jalo ba seka ba e ithontsha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 23 Mar 2014






