Breaking News

Banana ba ka thusa go emisa dikotsi

20 Mar 2014

Kgosi Segale Letshele wa Jwaneng o kopile banana ba toropo eo go tsaya boikarabelo go lwantsha dikotsi tsa tsela.

Rre Letshele o ntshitse kgakololo eo kwa thuto-puisanong ya banana kgatlhanong le dikotsi tsa tsela e e neng e tshwaretswe kwa Jwaneng bosheng.

O gakolotse banana go obamela matshwao a tsela ka dinako tsotlhe eseng fela fa ba bona mapodise ka jaana matshelo a bone a le botlhokwa mo lefatsheng leno.

A re boikgapho ke selo se se botlhokwa ka e bile bo tsamaelana le nngwe ya matshego a tautona wa lefatshe leno la discipline le tebelopele ya setshaba ya 2016 ka fa tlase ga tshetlana ya tshaba e e sireletsegileng e bile e babalesegile.

Rre Letshele o tsweletse ka go gwetlha banana go tsaya boikarabelo jwa go fokotsa dikotsi tsa tsela ka jaana di digela itsholelo ya lefatshe la Botswana kwa tlase. A re ba ikgaphe mo dilong di tshwana le nnotagi e e feteletseng ka ele nngwe ya dilo tse di bakang dikotsi tse dintsi.

A re, e re ka jaana malatsi a boitapoloso a atamela, banana ba tseye boikarabelo ka bongwe ka bongwe gore ba nne le seabe mo go fokotseng dikotsi tsa tsela. A re pharologanyo e e dirwang ke motho a le mongwe, e ka thusa lefatshe ka bophara go fokotsa dipalo tsa dikotsi tsa tsela.

O boile gape a ba kopa gore ba dirise dipalamo tsa setshaba fa ba tsamaela kwa ntle ga toropo ka jaana dipalamo tse dingwe di sa sireletsega. A re, se se dirwa ke gore dinako tse dingwe bakgweetsi ba dipalamo tse eseng tsa setshaba ba a bo ba sa itekanela sentle mme ba bake dikotsi.

E rile a tswa la gagwe, mothusa modualsetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng mo kgaolong ya Jwaneng Assistant Superintendent Ernest Sesinyi a supa fa banana ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le borataro le masome a mararo le botlhano ele bone ba amegang thata mo dikotsing tsa tsela.

O tlhalositse fa melato ya go kgweetsa motho a itshietse, go tlhoka go obamela matshwao a tsela, go kgweetsa botlhaswa ga mmogo le go tlhoka go tsenya lebanta la itshireletso  ele mengwe ya melato e e di gogang kwa  pele mo go bakeng dikotsi tsa tsela mo kgaolong eno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : Thuto-seka-dipuisanyo

Date : 20 Mar 2014