Breaking News

Blackie Mabiletsa o bolokwa ka Matlhatso

20 Mar 2014

E tlaare ka Matlhatso, Mopitlo a tlhola malatsi a le masome mabedi le bobedi morafe wa Letlhakeng le setshaba ka kakaretso o bo o kokoane go tsamaisa sentle mongwe wa bagaka ba lefatshe leno mo ga tsa sepolotiki, Rre Blackie Mabiletsa.

Rre Mabiletsa o tlhokafetse ka Laboraro kgwedi eno e le lesome le bobedi morago ga go lwala ka lebaka mme a tlhokafala jaana kwa kokelong ya Scottish Livingstone kwa Molepolole.

Mo potsolotsong, mmueledi wa lelwapa loora Mabiletsa, Rre Jacob Lebeko, yo e neng e le tsala ya moswi, a re Rre Mabiletsa o tshotswe ka ngwaga wa 1947 kwa motseng wa Kgare mo kgaolong potlana ya Letlhakeng.

O boletse fa moswi a diretse lefatshe leno ka boleele; a simolotse a direla kwa moepong wa Jwaneng e le Wellfield Operator go simologa ka ngwaga wa 1981 go fitlha ka ngwaga wa 1986, ya re go tlogela koo a ya go tlhongwa kgosi kwa Moshaweng go simologa ka ngwaga wa 1988 go fitlha 1989.

Rre Lebeko o tsweletse a tlhalosa fa Rre Mabiletsa, yo o neng a itsege ka “le 14” kwa Domkrag a simolotse go inaakanya le tsa sepolotiki ka ngwaga wa 1994 mme ya re ka one ngwaga oo a fenya ditlhopho go nna mokhanselara wa kgaolo ya Letlhakeng Borwa ka konopo ya Botswana National Front go fitlha ka 1999.

A re o ne a boa gape a ipoeletsa ka ditlhopho tsa 2004  a fenya a ba a nna mokhanselara wa kgaolo ya Maboane, e ntse e le ka fa tlase ga phathi ya BNF le fa e rile morago a fuduga ka talama go ya kwa BDP kwa a tlhokafalang a le teng.

A re o tlhokafala jaana a ne a itikile lesego mo ditlhophong tsa peo letlhokwa tsa bokhanselara mo kgaolong ya Letlhakeng Borwa ngwaga ono, mme ka go tlhoka lesego a ne a fenngwa.

Rre Lebeko o boletse fa Rre Mabiletsa e le mongwe wa ba ba nnileng le seabe mo go simololeng lekalana la banana mo phathing ya BDP. O tsweletse a bolelela lekalana la BOPA fa ntle le dipolotiki Rre Mabiletsa e ne e le leloko la kereke ya Letlhakeng Holiness Union, e bile e ne e le modulasetilo wa kereke mme gape a tshegeditse maemo a boeteledipele jwa lekalana la borre.

A re moswi o tlaa gopolwa thata ka bonatla jwa gagwe le botlhaga fa go ne go tla mo go tsa sepolotiki. Moswi Mabiletsa yo gape e neng e le molemi morui o tlogela mohumagadi, bana ba supa le batsalwa nae ba borre ba le babedi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lillian Peloentle

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 20 Mar 2014