Breaking News

Bagokgo ba lela ka boitshwaro jwa bana

20 Mar 2014

Bangwe ba ba bagokgo ba dikolo tse di mo toropong ya Lobatse ba supile matshwenyego ka boitshwaro jo bo sa siameng jwa bana bangwe ba dikolo tsa bone.

Bagokgo ba dikolo tse di akeretsang se segolwane sa Lobatse, Itireleng, Peleng Bophirima, le se se botlana sa Hill School ba supile matshwenyego ao mo bokopanong jwa komiti ya baeteledipele ba kgaolwana ya Peleng e e akaretsang bogosi jwa kgaolwana, komiti ya ditlhabololo, makhanselara le bagolo ba bangwe ba kgaolo bosheng.

Mogokgo wa sekolo se segolwane sa Lobatse, Rre Moses Mongale a re, bangwe ba bana ga ba tsene sekolo sentle fa bangwe bone ba  a nwa bojalwa e bile ba goga le motokwane, a tlatsa ka gore  bangwe bone ba tshwarwa ka dithipa gone mo sekolong.

O tsweletse a re, e ne ya re kgwedi eno e le lesome le bone ba tshwara basimane ba le barataro ba ba neng ba phunya marulelo a matlo a borutelo mme ba gogela motokwane mo go one.

Rre Mongale a re seemo se sengwe se se ba tshwentseng thata ke se mo go sone bangwe ba bana ba ithomelang mo ntlong nngwe ya borutelo morago ga moo ba bo ba omisa mantle ao go dira peipi ka one ba bo ba a goga.

O ne gape a bua a sa kgwe mathe ka batsadi, a tlhalosa fa ba le maoto a itshupa go tla go lekola gore bana ba dira jang mo dithutong tsa bone. A  re le jone bokopano jwa batsadi le barutabana ga nke batsadi ba iponatsa mo go jone.

A re ngwana o kgona go nna dingwaga di le pedi mo sekolong go sena motsadi yo o mo tseelang lokwalo le le supang gore o dira jang mo sekolong, a supa fa seemo seo se ba tshwentse fela thata e le barutabana.

Rre Mongale  o tlhalositse fa sekolo sa gagwe  ele sengwe sa dikolo tse di ka dirang sentle mo ditlhatlhobong fa batsadi ba ka ema ka dinao go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana.

Mo go tse dingwe bagokgo ba ne ba supa fa bana ba tla thari kwa dikolong,bangwe ba tla ba le leswe fa bangwe go tlhalosiwa ba inaakantse le bogodu.

Rre James Sefhako yo e leng mothusa mogokgo kwa sekolong se se botlana sa Peleng Bophirima, o  tlhalositse fa bangwe ba  batsadi ba tlhapatsa barutabana fa ba ba kopa go tla dikolong.

Bagokgo ba  kopile gore baruti ba ikopanye le dikolo tsa bone go sedila bana maikutlo ka lefoko la Modimo, ba kaya fa gongwe motlha mongwe ditiro tse ba di dirang tsa botlhoka-tsebe di tla fela.

Fa a ba kgwa dikgaba kgosi wa kgaolwana eo Rre Mpaesele Itumeleng o ne a re, e le komiti ba tshwanela ke go ithulaganya go bona gore ba thusa fa kae seemo se ise se tswe mo taolong, a tlhalosa fa ba tlhametse komiti eo  gone go lwantsha diemo tse di tshwanang le botlhoka-tsebe jwa bana.

Kgosi Itumeleng o  supile gape gore e tla a re mo phuthegong  nngwe le nngwe ba  fe bagokgo nako ya go bua le batsadi ka thuto ya bana ba bone, a tlhalosa fa ba lemogile gore fa batsadi ba biletswa kwa dikolong ga ba iponatse,. Kgosi a re, le ka nako ya khiro ya ba Ipelegeng ba tla kopa nako gore bagokgo ba buise batsadi.

E ne ya re a ba fa lefoko la kgakololo Assistant Superintendent Moses Kwarare  a  re  batsadi  ba emise go neela bana madi fa ba ya sekolong, a supa fa e le one a ba a dirisang go reka metsoko le majalwa.

O tsweletse a re, batsadi ba ele tlhoko batho ba ba rekisetsang  fa  pele ga dikolo gore ao ba rekisetsa bana dilo tse di seng borai jaaka  metsoko.

E ntse e le kwa bokopanong joo, komiti  e ne ya dumalana gore ba rotloetse banana ba kgaolwana eo go tsenelela mananeo a puso ba supa fa bontsi jwa borukhutlhi  bo dirwa ke banana mo kagolong. Bokhutlo
 

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : LOBATSE

Event : Bokopano

Date : 20 Mar 2014