Breaking News

Paakanyetso ditshupo kwa Bobirwa e tsweletse

20 Mar 2014

Banni ba kgaolo ya Bobirwa ba ipaakanyetsa ditshupo tsa mono ngwaga ka go tlhopha komiti e ntsha e e agilweng ka metse e le lesome le bongwe mme e eteletswe ke Rre Monkemedi Dingalo wa Bobonong.

Rre Dingalo o boletse fa maikaelelo magolo e le go baya disupiwa tsa kgaolo ya Bobirwa kwa godimo gore morago ga disupiwa tsa dikgaolo tse di farologaneng, balemi ba metse e e lesome le bongwe ba di rekise ka palabalo gore ba nne le dipoelo.

O tlhalositse fa a rotloetsa balemi ba metse eo, e leng Bobonong, Mathathane, Tsetsebye, Molalatau le e mengwe, a tlatsa ka gore setlhogo sa letsatsib se tlhalosa fa puso e eme ka dinao go bona gore Batswana ba eme ka dinao go ipaya mo seemong sa kgwebo ka disupiwa tsa temo.

O ne a rotloetsa ba ba mo dikomiting tseo tse di baakanyetsang ditshupo gore ba tlhophe dipeo ka go farologana bogolong jang dinawa, mmidi, manoko, mabele le tse dingwe, gore di tle di gape maemo a ntlha go a go tsena kwa ditshupong tsa mafatshefatshe, e le bontlha bongwe jwa go nonotsha disupiwa tsa kgaolo ya Bobirwa.

O ne gape a tlhalosa fa leruo la bone le le lentle thata, e bile le ka dira go le go ntle kwa ditshupong. Modulasetilo a re puso e tlhapolotse letsogo bogolo jang ka e lemela setshaba mahala. Kwa bofelong o ne a supa fa komiti e kgologolo e neetse e ntsha dibuka tse dinang le madi a ka tshwarwang P13 854.92 ka kgwedi ya Mopitlo e le lesome le boferabobedi, a a kwa bankeng ya Baclays kwa Selebi Phikwe.

Maloko a komiti e ntsha ba re disupiwa tse dipotlana di supiwe morago ga ditshupo tsa kgaolo ya Bobirwa go itsa gore di seka tsa ipoeletsa. Kgosi ya Bobonong, Rre Dimakatso Patane, o ne a amogela komiti e ntsha mme a ba kgothatsa go akanya ka tse ba ka di dirang ka go nnile le pula e e namagadi mono ngwaga, e bile naga e kgatlhisa le lone leruo tota. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : BOBONONG

Event : Phuthego

Date : 20 Mar 2014