Breaking News

Ditlou di etetse Mokwena

19 Mar 2014

Mogolwane wa ofisi ya diphologolo le makgabisa naga kwa Molepolole, Rre Dimakatso Ntshebe o tlhagisitse setshaba go nna podi matseba ka go bonwe ditlou mo kgaolong ya Kweneng.

Mo potsolotsong, Rre Ntshebe o tlhalositse fa ditlou tseo di le makgamu mabedi. Tse pedi, di bonwe mo kgaolong ya Suping gaufi le Molepolole fa tse dingwe tse tharo di bonwe gaufi le Ditshegwane.

Rre Ntshebe o tlhalositse fa ditlou tseo di tswa bokgakala jwa kgaolo ya Nhabe, mme a re seo gase gakgamatse ka ditlou di kgona go tsamaela kgakala le manno a tsone a tlwaelo, bogolo jang fa naga e na le metsi le phulo e e lekaneng.

O gakolotse batho ba ba nnang mo mafelong a ditlou tseo di bonweng mo go one go ikela tlhoko, a re fa ba di bona ba seka ba di tsosetsa modumo, ba di biletsa dintsa kgotsa ba leka go di hula ka ditlhobolo.

Rre Ntshebe o tlhalositse fa tlou e le phologolo e e bonolo fa e sa tsosetswe modumo, mme a re ba begele badisa diphologolo ka bonako fa ba bona ditlou mo kgaolong tsa bone.

O tsweletse a tlhalosa fa go sa gakgamatse go bo ditlou di bonwa mo kgaolong ya Kweneng ka a re, e kile ya bo ele kgaolo ya ditlou pele ga di fudusiwa ke go thibelela ga batho. A re go bo go na le motse oo bidiwang Botlhapatlou mo kgaolong ya Kweneng, ke sesupo sa gore lefelo le, le kile la bo le nna diphologolo tse.

Rre Ntshebe o tlhalositse fa mo nakong ya gompieno badisa diphologolo ba latetse ditlou tseo go di gatelelela kwa lefelong la diphologolo la Khutse le la Central Kalahari Game Reserve (CKGR).

Rre Ntshebe o tlhalositse gape fa tiragalo e, e se ya ntlha ka jaana e rile ngogola ga bonwa tlou  go bapa le motse wa Kweneng, mme a re le yone ba ne ba felela ba e isa kwa lefelong la diphologolo la Nxai.

O  kgaletse setshaba mokgwa wa go re ere ba utlwa gotwe go bonwe ditlou, ba bo ba omoga ka dipalo tse di kwa godimo ka maikaelelo a go ya go di bona, a re selo se, se ka tsenya matshelo a bone mo diphatseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Olekantse Sennamose

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 19 Mar 2014