Breaking News

Dititeo di ile magoletsa kwa Omaweneno

19 Mar 2014

Mogolwane wa mapodisi kwa Omaweneno, Sergeant Onkgonne Modibietsane a re o tshwentswe ke seemo sa borukutlhi se se tsweletseng ka go golela pele mo motseng wa bone.

O tlhalositse se fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng. Sergent Modibietsane a re seemo sa borukutlhi mo kgaolong eo ga se itumedise segolo bogolo melato e e akaretsang dikiteo le go lwa mo setshabeng, tse di diragalang thata fa marekisetso a bojalwa a tswalwa, batho bale ka fa tlase ga thotloetso ya dino.

O tsweletse  a re melato e e bakwa segolo thata ke banana mme a kopa batsadi go bua le bana ba bone kwa malwapeng, a bo a ba gwetlha go dira thata le ba sepodise a tlhalosa fa se ele yone tsela fela ya go lwantsha borukutlhi.

Sergeant Modibietsane o gwetlhile morafe  go begela ba sepodise dikgetse tsa borukutlhi go sale nako, a re se se ka thusa mapodise go kgobokanya bosupi sentle.

Fa a ama kgang ya bogodu jwa leruo, Sergeant Modibietsane a re, se se tshwenyang thata ke dikgang tsa kwadiso ya leruo. A re barui ka bontsi o fitlhela ba nale matshwao a feta bongwe, mme ba palelwa ke go ntsha sesupo sa gore go tsile jang gore ba bo ba nale matshwao a a kalo.

O tlhalositse gore  ka tshwanelo motho o nna le letshwao le le lengwe, ka jalo fa go ka diragala gore motho a nne le matshwao a feta bongwe, o tshwanelwa ke go nna le sesupo sa gore ke nnete ke a  gagwe

Sergeant Modibietsane o gakolotse setshaba go kwadisa leruo la bone ka nako ya theko le thekiso go itsa go gotlhagotlhana le molao. A  re go ka nna motlhofo fa mongwe le mongwe a ka kwadisa letshwao la gagwe le go tshuba leruo ka se, se ka thusa ba sepodise ka go nna le kitso ka ditshipi tsa leruo le  matshwao a a leng teng le gore ke a bo mang.

O gwetlhile morafe go nna le bosupi jo bo tletseng ka ga kwadiso ya leruo la bone. A ba kopa go nna podi matseba ka magatwe a gore go nale dikoloi dingwe tse di lalang di thotha leruo mo motseng fa batho ba robetse.

Ka dikgang tsa go tsoma  a re, o gakolola gore go tsoma ga go letlelesege, ka jalo o  gwetlha morafe go begela ba sepodise dikgang tsa mothale o fa ba ka di lemoga.

O ne a lemotsha morafe ka botlhokwa jwa diphologolo tsa naga mo bojanaleng jwa lefatshe leno. O supile fa matshwenyego a matona mo motseng ele majalwa a a itirelwang mo malwapeng go sena diteseletso.

A re majalwa a, ke one a bakang kgolo ya borukutlhi mo motseng,go ya magoletsa ga lehuma, tlhoka kutlwisisano mo malwapeng, go latlhegelwa ke ditiro, bolwetse jwa HIV/AIDS le jone boimana jo bo sa ipaakanyediwang.

O  supile fa Chibuku ele yone fela e e ka omelwang kwa dipotong. Fa ba ntsha la bone, morafe o supile fa ba amogela kgothatso le thuto ya ba sepodise ka seemo sa borukutlhi mo motseng wa bone.

Ba dumetse fa kwadiso ya leruo e santse e tshwenya, ba re ba itemogetse bogodu jwa leruo mo motseng jo bo tsweletseng ka go golela pele. Morafe o kopile ba sepodise go emisa go kwadisa leruo ka malatsi a mafelo a beke ka se se fa magotswana sebaka sa go kwadisa leruo le e seng la bone ka o fitlhela go sena ope kwa kgotleng ka malatsi ao.

Ba tlhalositse gape fa  go nale dipalo tse dintsi mo motseng wa bone tsa batho ba ba nnang mmogo le ntswa ba sa nyalana, segolo bogolo morole o mosesane o o sa saleng ngwao morago le go sa tlotla batsadi ba bone. Ba re mo setswaneng ga go letlelesege gore monna le mosadi ba ka nna mmogo ba sa nyalana ka jalo ba re batsadi ba tshwanetse go bua le bana go emisa boitshwaro jwa mofuta oo.

Fa a ntsha la gagwe kgosana ya kgotla ya Bokgetlo kwa Omaweneno Rre Batanka Simane a re, o tshwentswe thata ke batho ba ba nnang fela ba sena omang, dipasa, ditlankana tsa matsalo le tsone dikarata tsa bookelo. Kgosana Simane a re gona le batho bangwe ba nnang le batswakwa ba ba senang  diteseletso  tsa mesepele le tsone tsa bonno tota, mme a kopa morafe go begela ba sepodise fa gona la le batswakwa ba  seemo seo.

Fa a ama kgang ya batho ba nnang mmogo ba sa nyalana, Kgosana Simane a re, bana ba basetsanyana mo kgaolong ya gagwe ke bone ba ba tlotlileng kgang ya go inyadisa thata mme fela kgang ya teng ga e ba jese di welang, a tlatsa ka gore batsadi ba tshwanetse go tshwaragana go lwantsha mathata a. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Oteng Gagankalafe

Location : OMAWENENO

Event : Phuthego

Date : 19 Mar 2014