Breaking News

Toto ga a dumele fa go na le Bakgalagadi

19 Mar 2014

Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre John Toto o kgadile leina le le tlwaelesegileng la Bakgalagadi, a kaya fa go sena morafe o o bidiwang Bakgalagadi.

O buile se kwa moletlong wa ngwao ya merafe e e farologaneng e nnang kwa Kgalagadi. Mopalamente o ne a tlhalosa fa leina Kgalagadi le raya kgaolo e e kgadileng ka jalo go sena morafe wa mofuta oo.

Rre Toto o ne a supegetsa batsena moletlo o baemedi ba merafe e e agileng mo Kgalagadi ebong Batlhwaro, Barolong, Bangologa, Baherero, Bakgothu, Basarwa le Makhalate. Go supa gore ga gona puo ya Sekgalagadi, mopalamente o ne a kopa baemedi ba merafe eo go bua dipuo tsa bone tse di farologaneng mme ga fitlhelwa go sena puo ya Sekgalagadi mo go tsone.

O ne a tlhalosa fa go a bo go akarediwa ka dipuo tse di tswa mo kgaolong e le nngwe, ya Kgalagadi. O ne a tswelela ka go gakolola merafe eo gore ba seka ba letlelela go bidiwa ka maina a merafe e e seng ya bone ka go ka tsala tlhakatlhano le go nyelela ga ditso le ngwao ya bone; a ba rotloetsa gore ba nne motlotlo ka ngwao le ditso tsa bone mme ba se kgobiwe marapo ke ka fa ba ka tswang ba kgalwa ke ba bangwe ka teng.

Godimo ga moo, Rre Toto o ne leboga ba lephata la ngwao ka go bo ba rulagantse letsatsi le le atlegileng le. Le fa go ntse jalo, mopalamente o ne a gakolola lephata le gore mo isagong ba tokafatse moletlo o, ba lebagane le ngwao ya morafe o le mongwe, mme ere mo nakong e e tlang gape ba supe ngwao ya morafe o mongwe.

A re se se ka thusa gore ngwao le ditso tsa merafe di itsiwe mo go tseneletseng e bile di tlhaloganngwe botoka go na le jaaka mo moletlong oo, ka go ne go sa itlhalose sentle, bogolo jang ka o ne o akaretsa dingwao tse di farologaneng.

O ne a tlatsa ka gore fa go supiwa dingwao tse di farologaneng ka nako e le nngwe go kgona go tsisa kgotlhang gareng ga merafe, a fa sekai ka mmino wa morafe mongwe gore fa o kgatlhile batho o kgona go boelediwa thata go feta merafe e mengwe mme pheletsong go bo go sa itumedise merafe e mengwe; a tlhalosa fa go dira moletlo o o lebaganeng le ngwao ya morafe o le mongwe go ka hema dikgotlang tsa mofuta o.

Mopalamente Toto o ne a leboga Kgosikgolo wa Barolong Kgosi Lotlamoreng wa bobedi go bo a file merafe e e farologaneng ya Kgalagadi Borwa mafoko a mantle a thotloetso ka tshomarelo ya ditso le ngwao.

O ne gape a leboga le merafe e farologaneng ka maiteko a bone a go tla go supa ngwao tsa bone, a ba a ba kopa gore ba tswelele ba dire jalo le mo nako e e tlang.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Johannah Martin

Location : KHUIS

Event : Moletlo wa ngwao

Date : 19 Mar 2014