Breaking News

Ba Khurumolola ga ba naalane mowa le kgosi

19 Mar 2014

Banni ba kgotla ya Khurumela kwa Palapye ba re ba ngongorega ka tirisano mmogo e e lolea le kgosi ya kgotla ya bone.

Banni ba ne ba isa dingongora tsa bone ka mokwalo kwa kgotleng e tona kwa Palapye ba tlhalosa ka dikgang tse ba sa tsosaneng ka tsone le kgosi ya bone, Rre Baki Kanyama.

Fa ba tsibogela dikgang tseo, ba bogosi kwa Palapye ba eteletswe pele ke Kgosi Olebile Masego, ba re ga ba batle go losa banni ba Khurumela, mme ba tsile go ba agisanya, go utlwa matshwenyego a bone le go leka go tswa ka tharabololo ya one.

Kgosi Masego one a bala mokwalo, mme a fa kgosi sebaka sa go ipobola. Morago ga go utlwa mafoko a mokwalo oo, Kgosi Kanyama o ne a re ene mafoko a a builweng mo mokwalong a masha mo ditsebeng tsa gagwe, a tlhalosa fa a sa itse se go buiwang ka sone gotlhelele. Kgosi Kanyama o ne a latola tsotlhe tse di builweng ka ene.

O tlhalositse fa a rata morafe wa gagwe e bile a nna a le teng mo kgotleng. Kgosi o supile fa a ultwile botlhoko ka a sa dumele fa morafe wa gagwe e le one o ka mo sokelang dirope.  

Ntlha e e neng e tshwenya mo mokwalong o ke e e neng e supa fa ane a kgoreletsa le ikwadiso ya ditlhopho tsa setshaba, a re ga se dikgang tse a di itseng, mme a supa fa batho ba kgotla ya gagwe ba mmopela kgomo ya mmopa.  

Mo  dikakgelong, Mme Boikaego Ditshupo o ne a re ba tlhoka thuso ya ga kgosi mme ga ba mmone ka ga a nne mo kgotleng. Banni ba re go molemo gore fa kgosi a lapile a ithole marapo ba tle ba batle yo o ka ba tswelang mosola.

Rre Gorge Makhura ene o ne a farologana le banni ba Khurumela, a re ba kabo ba ne ba ipuile pele le kgosi ya bone go mo rolela dingongora tsa bone, go na le gore ba bitse phuthego e tona go tla go ntsha kgosi ka lesologolo.

Kgosi Masego a re ba utlwile selelo sa banni ba Khurumela mme ba tla bitsa Kgosi Kanyama go buwa le ene. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lorato Gaerobale

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Mar 2014