Breaking News

E e anyang e leletse...

19 Mar 2014

Baokamedi ba maphata ka go farologana ba rotloeditswe go nna sekao mo go ba ba eteletseng pele ka go bereka ka natla le boineelo eseng go lekanya tiro le madi.

Se se builwe ke mookamedi wa lephata le le okametseng khiro ya badirela-puso, Rre Carter Morupisi fa a buisa phuthego ya babereki kwa Letlhakane bosheng. A re baeteledipele ba tshwanetse go itse fa ba rwele boikarabelo ka jalo ba rute ba ba ba eteletseng botlhokwa jwa go dira ka natla.

A re maikaelelo a lephata la khiro ya badirela puso ke go emisa dituelo tsa go bereka morago ga nako mo badiring ba maemo a magolwane. Rre Morupisi a re go na le ditsela tse dingwe tse di ka dirisiwang go atswa baeteledipele mo mabakeng a ba patelesegang go bereka morago ga nako e ba e dumalaneng le mohiri ntle le tuelo ya madi.

O tlhalositse gore dituelo tsa baeteledipele ba maphata ba maemo a a kwa godimo, di botoka thata fa di bapisiwa le tsa ba ba ka fa tlase ga bone ka jalo ga ba a tshwanela go itepatepanya le bone. Rre Morupisi a re jaaka baeteledipele ba tshwanetse ba ruta ba ba ba eteletseng pele, mme mo mabakeng mangwe ba dire tiro ba sa solofela dituelo dipe.

Le fa go ntse jalo, Rre Morupisi o akgotse badiredi ba kgaolo potlana ya Boteti mo maitekong a bone a go ntsha ditirelo tsa tlhwatlhwa le gone ka bofefo, segolo bogolo ba lekalana le le okametseng ditirelo tsa botsogo la District Health Management Team (DHMT) le le sa tswang go ikgapela maemo a ntlha ka go tokafatsa tsamaiso ya go ntsha ditlamelo.

Rre Morupisi o akgotse gape sekolo se segolwane sa Letlhakane  morago ga go tokafatsa maduo a lekwalo la botlhano go tswa mo go a bo masome a mabedi le bosupa  ka 2012 go tlhatlogela kwa go a lesome le bone ka 2013.

Le fa go ntse jalo Rre Morupisi a re ga go a lekana, badirela-puso ba tshwanetse go dira go feta jaaka ba dirile go tokafatsa maemo a lefatshe  le leng mo go one go lebeletswe ka fa setshaba se fiwang ditlamelo ka teng.

A re maemo a, ga a mo jese diwelang ka a lemotsha gore go nale dikgoreletsi dingwe mo tirong tse di kgoreletsang go ntshiwa ga ditlamelo ka tsela e e kgotsofatsang di akaretsa boitshwaro jo bo sa nametseng le madiadia mangwe a sa tshwanelang a dirwa ke babereki.

O kgothaditse babereki  go  ikitaya ka thupana go netefatsa gore mafelo a ba berekelang mo go one a lebega le gone gore ba ba kopang thuso ba kgone go phuthologa ba bo ba  ikutlwe ba amogelesegile.

A re bogologolo e ne e re batsadi ba batlela ngwana wa bone mosadi, gone go lebelelwa mo lwapeng la boitshwaro jo bo eletsegang mo setshabeng e bile le le phepa, le supa fa le tlhokomelwa sentle ka bana ba basetsana, ka jalo a re tikologo e tlhalosa boleng le setho sa yo o berekelang mo go yone.

 Fa  a latlhela  la gagwe molaodi wa kgaolo potlana ya Boteti, Rre Loeto Porati o  boletse fa a le motlotlo ka kgaolo ya gagwe, a supa  fa ana le bodiredi jo bo dirang tiro ka natla le manontlhotlho a a  kwa godimo fela thata.

Rre Porati a re badiredi ba kgaolo potlana ya Boteti ba tshwere ka natla go tokafatsa boleng jwa ditirelo tse ba di neelang setshaba.

A re ba kgona jalo, ka ba dira ba le seopo sengwe, a tlatsa ka gore go bereka mmogo go thusa gore ba kgone go tlosa dikgoreletsi  tse di ka kgoreletsang gore setshaba se thusiwe sentle le gone ka bofefo.

Mokwaledi wa khansele potlana ya Boteti, Rre Motshwariemang Matseka, o ne a lebogela loeto la mookamedi wa lephata la khiro ya badirela-puso a re, o kgonne go tlhatswa dikgang dingwe tse ba ntseng ba di utlwalela ka podi ya tsela mme ba sena bonnete jo bo tseneletseng ka tsone.  Ends

Source : BOPA

Author : Motlatsi Matsididi

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthego ya babereki

Date : 19 Mar 2014