Breaking News

Tsela e ketefaletsa badiri botshelo

19 Mar 2014

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Goshwe mo kgaolong potlana ya Tutume, Rre Molebi Rebobonye, o lekodisitse Tona wa Lephata la Dipalamo le Ditlhaeletsano, Rre Nonofo Molefhi ka ditlamorago tsa seemo sa tsela ya Goshwe/Tutume.

Rre Rebobonye o buile seo mo phuthegong ya kgotla ka Mosupologo e e neng e buiswa ke Tona Molefhi. Rre Rebobonye a re bontsi jwa bodiredi ga bo batle go berekela mo motseng, ka lebaka la tsela, ba lebile gore go thata go isa bana ba bone kwa dikoleng, go ya dibankeng, marekisetsong le go bona ditlamelo tse dingwe tse di botlhokwa kwa Tutume.

A re se se baka gore go nne le diphatlha mo dikoleng tse di tsayang lebaka go thijwa, mme go feletse go thaphiwa barutabana ba nakwana, a tlatsa ka gore seo se ama maduo a baithuti.

Rre Rebobonye a re ba itemogetse matshwenyego le go ikgogela morago ga bangwe ba ba rekisetsang makalana mangwe a puso dithoto, ka dikoloi tsa bone di senyega kgapetsa kgapetsa ntateng ya seemo sa tsela.

O tsweletse a re maiteko a go tshwara diphuthego mo makalaneng a puso a a tshwanang le kgotla, dikole le a mangwe, ga a tswe maduo ka lebaka la gore batho ga ba di tsenelele ka bontsi, a tlatsa ka gore bangwe ba tla thari ba diilwe ke yone tsela eo.

A re maiteko a puso a gore ba ka thusana ka ditsompelo ga a ba thuse ka sepe ba lebeletse bese ya kgaolo ya Tutume, ka gore e thusa dikole tse di mo metseng e e nang le sekontere fela, ka jalo bathuti le bodiredi jwa Goshwe bo beilwe ka fa mosing ke lebaka leo.

O boletse gape fa koloi ya balwetsi e senyegile, ka jalo go dirisiwa koloi e e bulegileng. A re se se ngomolang pelo le go feta ke fa go tla nako ya balwetsi go tswa mo kokelong ya Goshwe go ya sepateleng sa Tutume.

Fa a araba matshwenyego a bone, tona Molefhi o ba solofeditse gore o tla tokafatsa tsela ya bone ka go nna a e gopa, a lebile gone gore ga e na go tshelwa sekonotere go fitlhelela seemo sa itsholelo se tokafafa.

A re lephata la gagwe le wetswe ke seru ka bontsi jwa ditsela mo lefatsheng leno di le mo seemong se se sa jeseng diwelang. A re seo se bakilwe ke dipula tse di neleng ka mashetla, a tlatsa ka gore mo nakong e e sa fediseng pelo o tla ba agela dikholobete gore botshelo bo tswelele.

Rre Molefhi a re mo nakong ya gompeino puso ga e a ikemisetsa go dira ditsela tse disha fa e se fela go baakanya tse di senyegileng.
O supile fa tsela ya Francistown/Nata e le mo seemong se se sa jeseng diwelang ka jone bothata jwa dipula, a tlatsa ka gore le yone e batla go dirwa sesha.

ona Molefhi a re o tla kopa puso gore lephata la gagwe le ikemele ka nosi ga mmogo le go oketsa lekgetho la leokwane. A re se ke sone fela se se ka mo thusang go dira ditsela tsotlhe tse di mo Botswana. A re fa puso e ka mo dumelela o ka kgona go adima madi kwa dibankeng mme a tla a nna a duela ka lekgetlho mme ka fa ntse a tsweletse ka go dira ditsela. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : GOSHWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Mar 2014