Breaking News

Ba Mbalambi ba itumelela maiteko a puso

18 Mar 2014

Banni ba motse wa Mbalambi mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba iteetse puso legofi go bo e tsweletse ka go dira maiteko a go fetola matshelo a bone le mororo lefatshe leno le ise le inoge mo manokonokong a kwelotlase ya itsholelo.

Malebo ao, a ntshitswe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Samson Dubani kwa phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke Mothusa Tona wa Lephata la tsa Madi le Ditogamaano tsa Ditlhabololo, Rre Vincent Seretse bosheng.

Rre Dubani o gwetlhile botlhe ba ba amogetseng dithuso tse di farologaneng tsa mananeo a puso go di tsaya ka tlhwaafalo, e le tsela ya go supa tebogo.

O  tlhalositse fa ba namediwa ke mananeo a puso ka go farologana, a re go supega gore fa itsholelo ya lefatshe leno e ne e sa wela kwa tlase mo dingwageng tse di sa tswang go feta, puso e ka bo e dirile go le gontsi go tokafatsa matshelo a Batswana.

Le fa go ntse falo, o nankotse dikgwetlho di le mmalwa tse a supileng fa ba eletsa gore di tsibogelwe. Nngwe e ne ya nna seemo se se sa jeseng di welang sa tsela ya lekgwarapana e e golaganyang metse ya Kalakamati le Zwenshambwe, e ralala metse ya Sekakangwe, Mbalambi, Gambule le Gungwe.O kopile gape gore ba okelediwe matlo a boroko jwa badirelapuso mo motseng wa bone.

Rre Dubani o supile ngongora gape ka tlhaelo ya dikoloi tse di rwalang balwetse, a supa fa koloi e e thusang motse wa bone, ba e amogana le metse e mengwe e le mene.

Fa a akgela, Rre Seretse o tlhalositse fa puso e ikemiseditse go thusa ba ba kobo dikhutshwane mo setshabeng, a re ke ka moo go neng ga simolodisiwa mananeo a tshwana le la nyeletso lehuma. Rre Seretse a re, le fa batho bangwe ba kgala mananeo a mothale o, ba re ga a na mosola, ke megolokwane le leshalaba fela mo go ba ba amogetseng dithuso tsa one.

Mothusa-tona o akgoletse khansele ya Bokone Botlhaba botlhaga jwa yone mo go beeng leitlho mananeo a tokafatso matshelo a batho, a re go bo a dira sentle mo kgaolong, ke sesupo sa ka fa khansele e a tsayang ka tlhwaafalo ka teng.

Mongwe wa banni, Mme Batungwa Mfolelo, o ngongoregetse  tiego ya ba lephata la nyeletso lehuma  go mo fa phetolo ka kopo ya gagwe ya go thusiwa go tsena mo kgwebong ya thuo le tsadiso ya ditlhapi.

Rre Never Mogapi, monni wa motse wa Sekakangwe, ene o ne a lela ka go tsamaya sekgala se seleele ga baithuti ba motse wa Mbalambi ba ba tsenang kwa sekolong se segolwane sa Maenjani kwa motseng wa Sekakangwe.

A re  banni ba kile ba kopa gore go agwe matlo a boroko a baithuti kwa sekolong seo go dirisiwa bogolo ke baithuti ba basetsanyana go ba ntsha mo diphatseng tsa go ka tlhaselwa ke dilalome mo sekgweng se se fa gare ga motse wa Mbalambi le wa Sekakangwe, selo se a supileng le jaana se ise se dirwe.

A re go tshwanetse ga lemogwa gore fa metse e ntse e gola, ditiro tsa borukutlhi le tsone di a gola, mme ka jalo go botlhokwa gore go dirwe tsotlhe tse di ka kgonwang go dibela matshelo a batho.

Rre Molaodi Matshana wa motse wa Mbalambi, ene o ne a bolela fa banana bangwe ba retelelwa ke go tlatsa dipampiri tsa ikopelo dithuso tsa lenaneo la banana ka ba sa tlhaloganye ka botlalo puo ya Sekgoa e e dirisitsweng mo go tsone. O  kopile gore seemo se, se elwe tlhoko e seka ya re kgabagare banana ba iphitlhela ba sa boelwa ke sepe mo lenaneong le le neng le ka fetola matshelo a bone.

Fa a arabela kgang ya tlhaelo ya matlo a boroko a badirela-puso, molaodi wa kgaolo Rre Rapetse Mathumo o  kaile fa seemo se, se aname le lefatshe leno lotlhe, mme le fa go ntse jalo puso e tsweletse ka maiteko a go tlhomamisa gore se a fetoga.

A re mo dikgweding tsa bosheng kgaolo ya Bokone Botlhaba e ne ya abelwa madi go aga matlo a boroko jwa badirelapuso a robabobedi, a tlhalosa fa bogogi jwa kgaolo bo ne jwa  tsaya tshwetso ya gore matlo ao a agwe kwa motseng wa Tati Siding kwa le gone go nang le letlhoko le le maswe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MBALAMBI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Mar 2014