Banni ba Palapye ba lebogela pula
18 Mar 2014
E rile ka mafelo a beke morafe wa Palapye le dikereke ka go farologana ba kgobokanela kwa kgotleng go isa malebo a pula.
Fa a bua kwa tirong eo, e e neng e tsenenwe ke dikereke, bogosi le morafe wa Palapye, Kgosi Masego Olebile a ne a tlhalosa fa pula e gosomane ka bontsi mo kgaolong ya Palapye mme e thusitse batho go lema le go bona thobo e kwa godimo, go feta ya ngwaga o o fetileng.
A re pele pula e na motse wa Palapye le dikgaolo tse di mabapi di ne di apesitswe ke leuba le le neng la bolaya diruiwa, a tlhalosa fa tlhaelo ya metsi le yone e ne ele kwa godimo ntateng ya go kgala ga matamo.
A re le fa matamo a sa tlala otlhe, pula e e dirile pharologanyo e ntsi ka matamo a mo bokone a tletse fela thata, mme a kwa borwa ele one a sa ntseng a saletse kwa morago.
A re mme le fa a sa tlala, seemo sa one se botoka go na le pele, a tlatsa ka gore malebo a matona a tshwanetse a isiwe kwa Modimong. O boletse fa tiro e ya go lebogela pula ele go diragatsa kopo ya tautona wa lefatshe leno ya go rapelela pula le go e lebogela.
A re ele ba Palapye ba ile ba diragatsa kopo e ka go rapelela pula, ka jalo ba isa malebo kwa Modimong go bo a ile a araba kopo ya bone. O ne a tswelela a galaletsa seemo se a supa fa lefatshe le apere kobo e tala ka ntateng ya pula, e le yone a tlhalositseng fa e tsisitse boitumelo jo bo kwa godimo mo bathong, diruiwa le ditshidi ka kakaretso.
Kgosi Olebile o ne a gape a lebogela thobo e morafe wa gagwe o e boneng, a tlhalosa fa Modimo o ile wa utlwa dithapelo tsa morafe. A re Batswana ba ntse ba latlhile ngwao ya go rapelela pula, a bua jalo a rotloetsa gore ngwao eo e boelwe ka go rapelela pula go supile e le selo sa botlhokwa.
Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa lekgotla la baruti, Rre Sydney Setilo, a re go botlhokwa gore fa go isiwa malebo kwa Modimong go tsisiwe le thobo mme morago go fiwe ba malapa a tlhokileng lesego.
A re Batswana ga ba tshwanela go lebala mowa wa boutlwelobotlhoko fa ba dira tiro ya sebopego se, a tlatsa ka gore ka nako tsotlhe ba gakologelwe batlhoki.
E re dikgang di eme jalo, lekgotla la baruti mo Palapye le ile la tlhopha komiti e ntsha, mme Rre Sydney Setilo yo ntseng a tshwere marapo a bodulasetilo a boela mo maemong ao, a thusiwa ke Rre Darius Nkhwa. Mme Pulane Itumeleng o ile a tlhophiwa go nna mokwaledi, fa Rre Mojaki Nkwali a ile a bona maemo a motshwara madi.
Komiti e e ile ya tladiwa ka maloko a le mane. Fa a lebogela tlhopho eo, Rre Seilo o tlhalositse fa tiro e ele ya boithaopo, ka jalo e tlhoka bopelotelele le boineelo.
A re o lebogela thopo eo a tlhalosa fa go supa fa dikereke di lemoga ebile di lebogela ka fa a ntseng a tshwere marapo ka teng mme a kopa tirisanyo mmogo mo dikerekeng tsa Palapye.
Le fa go ntse jalo a re komiti ya gagwe e saletse morago ka dikgang tsa setsha, a tlhalosa fa ene le maloko a komiti ya gagwe ba tsile go lwa ka tsotlhe gore ba bone setsha sa lekgotla la baruti.
A re le fa ele ene modulasetilo, kemonokeng ya dikereke ke yone e ka mo kgontshang tiro, a kopa gore ba mmontshe diphoso fa a sa direng sentle teng, a tlatsa ka gore fa a palelwa, go a bo go paletswe lekgotla lotlhe eseng ene a le esi.
O ile a rotloesa dikereke go ikwadisa le lekgotla le. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : PALAPYE
Event : Bokopano jwa dikereke
Date : 18 Mar 2014






