Breaking News

Ba kopa ofisi ya poso

18 Mar 2014

Banni ba Gulubane kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba ikuetse mo pusong go tlhoma poso kwa motseng wa bone.

Mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke Tna wa Lephata la Dipalamo le Ditlhaeletsanyo, Rre Nonofo Molefhi bosheng, banni ba ne ba supa fa seo se ka ba nolofaletsa botshelo segolo bogolo tebang le dikamogelo tsa dituelo tsa bagodi.

Modualsetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Kgosidintsi Hunyepa, o ne a lekodisa tona Rre Molefhi fa bagodi ba motse oo ba bona dituelo tsa bone morago ga nako ka jaana go sena poso mo motseng wa bone.

Mo ntlheng e nngwe, Rre Hunyepa o ne a kopa puso go tlhomamisa gore motse wa bone o atamelediwa ditshipi tsa mafaratlhatlha a tsa ditlhaeletsanyo ke dikompone tse di fang ditirelo tsa megala ya letheka.

A re ditshipi tse ba ikaegileng ka tsone di kgakala, kwa motseng wa Sebina, selo se a boletseng fa se dira gore ba seka ba akola ditirelo tsa dikompone tseo ka botlalo.

Monni mongwe wa motse oo, Rre Mothusi Nkhwa o ne a gatelela botlhokwa jwa poso mo matshelong a bone, a re ga go maleba gore lefatshe leno le itepatepanye le a itsholelo ya one e godileng thata le mororo lone le sa ntse le fatlhoga.

Fa a araba dilelo tsa banni, tona Molefhi yo gape e leng mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Selebi Phikwe Botlhaba, o ne a tlhalosa fa go anamisa diposo le lefatshe leno lotlhe e le kgwetlho ka jaana di sa tlhole di dira dipoelo dipe.

A re tiriso e e bokete ya maranyane a sesha a akaretsa a inthanetse le megala la letheka e amile thata ka fa diposo di neng di bereka ka teng mo dingwageng tsa maloba, a supa fa mo metseng e mengwe ngwaga le ngwaga go nna go nale mabokoso a poso a a seng mo tirisong ka bontsi jwa batho ba sa tlhole ba buisana ka makwalo.

Le fa go ntse jalo, o ne a gakolola banni go akanya ka go aga diofisi di se kae tse ba ka amogelelang ditirelo dingwe tsa poso mo go tsone ba dirisa lenaneo la Ipelegeng.

Mo go atamediweng ga mafaratlhatlha a ditlhaeletsanyo kwa motseng oo, Rre Molefhi o ne a gwetlha banni go lemoga fa dikompone tsa ditirelo tsa megala ya letheka di le mo kgwebong, ka jalo di anamisa ditirelo tsa tsone fela fa di dumela gore di tla bona dipoelo kwa mafelong a di atologelang kwa go one.

Go sale foo, o ne a supa fa puso e le mo dipuisanyong le dikompone tse gore di dirise mafaratlhatlha a a leng teng a yone a a dirisiwang ke kompone ya beMobile, a re tsholofelo ke gore fa thulaganyo eo e ka atlega, mafelo a a ntseng a tlhaela ditirelo tsa dikompone tse le one a tla a simolola go ka di akola. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : GULUBANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Mar 2014