Borukutlhi bo a gola
18 Mar 2014
Banni ba Moroka mo kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima ba supile fa ba tshwenngwa ke seemo sa borukuthi se ba rileng se golela pele mo motseng wa bone.
Ba supile matshwenyego a bone fa ba akgela mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, Rre City Kealotswe kwa motse oo, kgwedi eno e le lesome le bone.
Mo tekodisong ya gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Moroka, Mme Widzani Maganyambu, o ne a re ka ntlha ya seemo seo, ba kopa gore motse wa bone o okelediwe mapodise go leka go itepatepanya le seemo seo sa borukuthi.
Mme Maganyambu o tlhalositse fa mo nakong eno badirelapuso segolo jang barutabana ba setse ba tshelela mo letshogong ka jaana ba nna ba amogilwe dithoto tsa bone fa ba ile kwa malatsing a boikhutso. A re seemo se se tla felela se dira gore barutabana ba gane go tla go berekela mo motseng wa bone, a bo a supa gape fa motse wa bone o na le bothata jwa tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso.
Mme Maganyambu o tsweletse a kopa gore go diragadiwe ditsholofetso tse ba sa bolong go di solofediwa tsa gore kokelo ya bone e tla atolosiwa mme go akarediwe lekalana la pelegi mo go yone. Mo go tse dingwe, modulasetilo wa VDC o ne a tlhalosa fa ba sa bolo go ikuela gore go tsenngwe ditshipi tse di thibelang dikgomo go tlola fa kgorong ya taolo matlhoko a leruo e e mo tseleng e e tswelang kwa Ramoja Junior Secondary School.
Banni bangwe ba motse ba ne ba ngongoregela ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tse ba di lopiwang tsa kgokelo ya motlakase mo malwapeng a bone, ba re ba makadiwa ke gore e re lentswa puso e beile seelo sa P5 000 sa kgokelo ya motlakase, bone ba bo ba sa ntse ba lopiwa madi a a kalokalo.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo Kealotswe o ne a re morago ga gore lefatshe le phaphalale, mo Batswana ba neng ba tlamega go lelala ba kopa thuso kwa go Ramasedi go ba nesetsa pula, go botlhokwa gore ba ise malebo ka jaana kopo ya bone a arabilwe. Rre Kealotswe o ne a gakolola banni go dirisa mananeo a dithuso a puso go tlhabolola matshelo a bone, a bo a ba tshepisa fa a tla fetisetsa dingongora dingwe tsa bone kwa go ba ba lebaneng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MOROKA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 18 Mar 2014






