Breaking News

Boammaaruri ga bo jelwe pheko

18 Mar 2014

Banni ba Somelo mo kgaolong ya Nhabe ba kopilwe go nna ba bua boammaaruri ka dinako tsotlhe fa bana le baeng, segolo jang matona le bathusi ba bone gore mathata a bone a kgone go rarabololwa sentle.

Seo se builwe ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Olebile Gaborone bosheng fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo, a re mokgwa wa gore batho ga ba bona matona kgotsa bathusi ba bone mo metseng ba bo jaanong ba batla go senyana ba bangwe maina, ke selo se se sa siamang.

O ba tlhaloseditse gore ba nne ba bua dikgang jaaka di ntse gore ba kgone go bona dithuso tse ba di batlang ka nako. Mothusa tona o ba boleletse fa a ne a ile go bona motse wa bone le gone go ba lekola.

Rre Gaborone o kopile batsadi kwa Somelo go tlhokomela bana ba bone ka dinako tsotlhe le go ba neela lerato ka go bona gore ba tsena dikole, ba sa abelwe batho jaaka go tlwaelesegile.

A re ngwana o tlhoka lorato lwa motsadi ka nako tsotlhe eseng gore ba tsenngwe mo ditirong tse di tlwaelesegileng tsa go disa dikgomo ba santse ba le bannye, a tlatsa ka gore ke molato o motona go dira jalo.

Fa a amogela baeng kgosi ya motse oo, Rre Mokhutshwane Komee o lekodisitse tona gore motse wa gagwe o na le batho bale 695, e le batho ba ba tshelang ka lenaneo la Ipelegeng, a tlhalosa fa mananeo a a mo motseng a nyeletso lehuma a sa dire sentle.

O tlhalositse fa kgang kgolo e le lenyora, a bolela fa mo nakong ya gompieno ba thusiwa fela ke dipula tse di neleng gore ba kgone go nwa mo megobeng. A re fa e sale koporasi ya metsi ya Water Utilities e tsaya tiriso ya metsi mo kgaolong,  ke mathata fela mo motseng wa bone.

Kgosi o kopile gore ba direlwe fa go ka tlhatswiwang metsi teng ka a re bana le sediba se se ntshang metsi a mantsi, mathata a re ke gore a letswai mme ga a ka tlhatswiwa a ka ba lekana.

O  ngongoregile gape ka tsela a re e maswe fela thata. O ile gape a re ba sale ba kopile kagelelo ya polasi e ba nnang mo go yone ka a re ba tsentswe ke dipolasi fa gare. A re fa ele gore kgang eo e a pala, bogolo ba tlhalosetswe fa go ka seke go kgonagale.

Mothusa mookamela tokafatso ya matshelo a batho Mme Mmaphefo Setabo-Kgetse, o tlhalositse ka melao ya tlhokomelo ya ngwana, a bolela fa e diretswe go rotloetsa le go sireletsa bana mo go sepe fela se se ka ba diragalelang.

O kopile ba masika go emisa mokgwa wa go batla go tlhokomela bana ba gongwe ba tlogetsweng ke batsadi ba lebile dijo tse ba di fiwang mme tota ba sa ba neele lorato, a re go dira jalo ke molato o motona o motho a ka o sekisediwang.

Mme Setabo-Kgetse o ba kgothaditse go dira dikomitsi tsa tlhokomelo ya bana mo motseng wa bone mme ba sa re ba tshwanelwa ke go duelwa ka jaana komiti eo e tla a bo e le ya go bona fela gore bana ba a tlhokomelwa, mme fa ba sa tlhokomele e le ba komiti ba ka tsaya kgato  go thusa bana bao.

O tsweletse a ba kopa go kgala thata mowa wa go baya bana letlhokwa kana go ba nyadisa ba santse ba le bannye, a re go dira jalo ke molato ka jaana go a bo go gatakwa ditshwanelo tsa bone.

O ba kgothaditse gore ba seka ba aba bana le go baya monwana sepe se ba sa se tlhaloganyeng. Modulasetilo wa khansele potlana ya Maun Rre Galaletsang Mhapha o solofeditse banni ba motse gore khansele e tla a sala dikgang tsa bone morago go bona gore di a diragadiwa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : SOMELO

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Mar 2014