Breaking News

Maruje o tlhaba mokgosi

18 Mar 2014

Kgosi Thabo Maruje III wa Masunga o ikuetse mo pusong go lemoga seabe sa makgotla a Setswana mo go tlhabololeng lefatshe.

Fa a amogelo Mothusa Tona wa Lephata la Madi le Ditogamaano tsa Ditlhabololo, Rre Vincent Seretse mo phuthegong ya kgotla bosheng , Kgosi Maruje o supile fa go tshwenya go bo lephatana la tsamaiso merero ya makgotla a Setswana le le kwa mogatleng mo go tlhaelelweng ke ditsompelo tsa botlhokwa fa le tshwantshanngwa le maphatana a mangwe a puso.

A re se, se tsweletse ka go diragala le mororo lephatana leo e le lengwe la a magologolo mo ditokololong tsa puso ya lefatshe la Botswana. Kgosi Maruje o supile fa go tshwanetse ga lemogwa fa makgotla a Setswana e le one motheo wa puso ya batho ka batho, mme ka jalo go le thona go bo go lebega a sa tsewe tsia jaaka go ne go ka eletsega.

O ne a itela mo go mothusa-tona Rre Vincent Seretse gore e re go abiwa ditsompelo tsa puso, go tlhomamisiwe gore seo se dirwa ka kelelelo e kgolo gore go seka ga nna le lepe lephata la puso le le tla iphitlhelang le beilwe ka fa mosing.

Go gatelela kgang ya letlhoko le le ba aperetseng, kgosi o ne a kopa gore pele go ka rekisiwa dithoto di tshwana le dikoloi ka palabalo, khansele le maphata a mangwe a puso a nne a tlhola gore a ga go gope kwa dithoto tse ba eletsang go di rekisa di tlhokwang teng. A re se, se ka thusa go reba go bifa ga tlhaelo ya ditsompelo mo maphateng a mangwe.

O ne a kopa gape gore bodiredi jwa makgotla a Setswana bo rutuntshiwe, se e le tsela nngwe ya go ba tlisa mo seemong sa go ka ntsha ga tshwene mo tirong ya bone.

Mo dikgannyeng tse dingwe, kgosi o ne a lela ka seemo se se ngomolang pelo sa ditsela tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba, a re gone le fa puso e lela ka tlhaelo ya madi, sengwe se tshwanetse sa dirwa go nolofaletsa banni ba kgaolo eo botshelo.

O  ikuetse mo pusong go tsibogela ka bofefo manokonoko a a bakwang ke go kgaoga ga motlakase kwa sekolong se segolwane sa Masunga. A re mo puleng e e tsweletseng ka go gosomana, go jesa baithuti ba ba sekete le makgolo a matlhano go supagetse e le namane e tona ya tiro fa motlakase o kgaogile mme dikgong di kolobeditswe ke matsorotsoro a dipula.

O ne a kopa puso go fefogela go tlisa seemo se mo taolong. Fa a rola pego ya komiti ya ditlhabololo tsa motse, modulasetilo  Rre Milton Monyamane o lebogetse go tsenngwa ga dipone tsa mekgwatha mo motseng wa Masunga ga mmogo le go dirwa ga ditsela tsa mo gare ga motse.

O ne gape a nesetsa pula go shafadiwa ga tsela e e golaganyang metse ya Sebina le Mulambakwena, le fa gone a ne a supa matshwenyego a gore tsela eo ga e a wediwa ka nako le gone boleng jwa yone ke jo bo sa jeseng di welang. Fa a ema banni ka lefoko, mothusa-tona Rre Seretse o tlhalositse fa lefatshe leno le ise le inoge ka botlalo mo manokonokong a kwelotlase ya itsholelo.

A re ka ntlha ya se, setshaba se tshwanetse sa lemoga fa modi wa kgang e se gore puso e ntse fela mo go direleng Batswana dipe tse ba ka tswang ba ne ba di solofetse.

Rre Seretse a re, mo go lemogeng mathata a a aparetseng lefatshe leno, segolo bogolo letlhoko la ditiro la banana, puso e ne ya simolodisa mananeo a le mmalwa go fetola seemo, a ntsha sekai ka mananeo a tshwana le la banana gammogo le la nyeletso lehuma.

Mothusa-tona o tlhaloseditse batsena-phuthego fa puso e dira go le gontsi go rotloetsa bagwebi go tlhoma dikgwebo , se e le tsela nngwe ya go ijesa le go tlhamela Batswana ba bangwe ditiro.

Fa ba akgela mo mafokong a ga Rre Seretse, banni ba ne ba supa matshwenyego ka dilo di le mmalwa tse ba eletsang di ka dirwa. Mme Granny Kgame o  kopile puso go baya leitlho ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa dijo le maroko a khiriso.

A re seemo se, se a tshwenya ka jaana bontsi jwa bana ba felela ba berekela dijo le boroko fela mme matshelo a bone one a sa fetoge ka gope. Mme Margaret Mannathoko ene o kopile gore go dirwe thulaganyo ya gore badiredi botlhe ba ba thusang batho ba kgaolo ya Bokone Botlhaba mme ba nna  kwa toropong ya Francistown, ba fudusediwe mo motseng wa Masunga go atametsa setshaba sa kgaolo ditirelo.

Monni yo mongwe, Rre Biggie Butale o supile fa Batswana ba sa itumedisiwe ke go sa goleng ga itsholelo ya lefatshe leno. A re puso e dirile go tlala ka diatla ka go tlhatlologana ga dingwaga mme go sa gateleng pele ga mo nakong eno, go setse go simolotse go tsenya Batswana tlhobaelo ka kgolo ya lefatshe la bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MASUNGA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Mar 2014