Barolaganyi ba Bandleng Cultural Festival ba supa tatlhegelo

28 Oct 2026

Mosimolodisi wa moletlo wa Bandleng Cultural Festival Rre Poloko Boitshepho, yo o itsegeng ka leina la DJ Polyester a re ba kopa ke-mo-nokeng le thotloetso mo bogoging jwa toropo ya Lobatse.

Rre Boitshepho o buile se morago ga go itemogela tatlhegelo ya dipoelo kwa moletlong wa ngwao wa Bandleng Cultural Festival o ba neng ba o tshwere ka mafelo a beke kwa Lobatse Town Park. O boletse gore ga baa dira dipoelo dipe a tlatsa ka gore ba ne ba sena barotloetsi le go itemogela go sa nna le kemo nokeng go tswa kwa boeteleding pele jwa toropo. 

O tsweletse a bolela gore moletlo oo, ga o a atlega jaaka ba ne ba solofetse a tlatsa ka gore le bone bagwebi ba ba neng ba rekile metlaagana ga baa dira dipoelo dipe. Rre Boitshepho a re o itemogetse gore ga ba a bapatsa moletlo oo thata, a supa gape  gore kgwetlho e nngwe ke gore o tshwerwe kgwedi e ise e fele.

 Mo go tse dingwe, Rre Boitshepho o boletse gore badiragatsi kwa Lobatse ba makgamu, ga baa tshwaragana, ga ba emane nokeng, a re keletso ke gore ba thusiwe ba gole. 

O boletse gape gore dipoelo tse di potlana tse ba di boneng, ba ne ba tshwanelwa ke go di kgaoganya badiragatsi ba le bone baneng ba lemoga gore ga gona letseno, mme ba amogela seemo ka fa ba neng ba bona gontse ka teng. A re a mangwe ba ne ba tshwanelwa ke go duela dikoloto.

Rre Boitshepho a re ba ikaelela go kopana le botlhe ba tsaya karolo go akaretsa ba dikgwebo go buisana le bone gore ba seka ba kgobega marapo ka e ne e le moletlo wa ntlha, a solofetsa gore ngwaga o o tlang go tlaa nna le pharologano jaaka ba ikaelela go simolola go baakanyetsa moletlo oo wa ngwaga o o tlang.

Mongwe wa bagwebi,Mme Tshegofatso Balaodi yo o rekisang ice cream, o boletse fa a kgobegile marapo ka jaana e ne e le bone ba dikgwebo fela go sena bareki. 

O tsweletse ka gore e re ntswa ba ne ba duelela go tla go bona badiragatsi bangwe, seo ga sea diaragala.

 Mme Balaodi o boletse gape gore barulaganyi ga baa lekodisa batsena moletlo sepe, gore go simololwa leng le gore badiragatsi bangwe ga baa iponatsa.

 Mme Kelebogile Baratang wa madirelo a Stich & Gab go tswa kwa Otse, ene a gweba ka go sega diaparo le ene o boletse gore ba latlhegetswe ka jaana ga baa bona bareki.

Mogwebi wa dijo, Mme Gladys Kowa, le ene o supile fa go ne go sena batho ba ba rekang, a re keletso ya gagwe ke gore barulaganyi ba ipaakanye mme ba dire sengwe gape se se ka fang bagwebi ba baneng ba duetse tshono ya go oba lebogo ntle le dituelo dipe. Mme Kowa a re one a solofetse go dira dipoelo tse dikwa godimo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Potsolotso

Date : 28 Oct 2026