Kgosi o kgala bojalwa jo bo seng ka fa molaong

27 Oct 2026

Mothusa kgosi kwa Zwenshambe o kgadile thekiso ya majalwa a a sa letlelelweng mo malwapeng, a supa fa morula, mokuru, khadi, setopoti le jwa madila, e le o ne a a letlelelwang. Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Zwenshambe bosheng, Kgosi Godfrey Mafa, a re sekipa se ntekane, laela mmago, GD6, modaefoko le amangwe ga a ka fa molaong ebile a sa letlelelwe go titielwa go rekisiwa.

Kgosi Mafa a re fa motho a batla go rekisa bojalwa jwa Setswana, go tshwanetse gore go bo go na le ntlo e a rekisetsang mo go yo ne. 

A re fa go rekisiwang bojalwa teng, go tshwanetse ga nna le matlwana a boitiketso e seng gore batho ba eme gongwe le gongwe ka go dira jalo e le molato.

O kaile fa Chibuku e tshwanetse go rekisiwa kwa marekisetsong a yone kana depot. 

Kgosi Mafa a re Chibuku e e rekisiwang e le bopi, motho o ka e reka a bo a ya go bo dira, a nwa le ditsala mo lwapeng mme jone, ga bo tseelwe teseletso.

A re go le gantsi ka go tlhoka kitso, banwi ba bojalwa ke bo ne ba o fitlhelang ba gwetlha gore bo titielwe, ka jalo a rotloetsa morafe go ithuta molao go itsa go tlhoka kitso.

“Molato o ba ka o lebisiwang ke madi a a ka tshwarang Dipula tse di makgolo a matlhano go ya go dikete tse pedi tsa Dipula,” Kgosi Mafa a tlhalosa. A re ba babalele bana ka go tlhomamisa gore ga ba ba rome go rekisa bojalwa le diritibatsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goweditswe Kome

Location : Zwenshambe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 27 Oct 2026