Ngwao letlotlo la botshelo

27 Oct 2026

Tona wa metshameko le bodiragatsi, Rre Jacob Kelebeng a re ngwao ke letlotlo le le ka tokafatsang matshelo a Batswana, jalo go botlhokwa go ithuta mo bagolong le go e sireletsa gore etle e akolwe le ke dikokomane tse di tlang. 

Fa a bua kwa moletlong wa ngwao go ipelela dikgafela kwa Maboane ka Labotlhano, Rre Kelebeng o kgothaditse Batswana go inaakanya le ngwao a re ke yone eka bolokang tshaba eno.

O lebogile boeteledipele jwa Maboane le komiti e e neng e rulaganya moletlo wa dikgafela go phutha morafe go ipelela thobo. 

Molalediwa wa tlotla go tswa kwa moepong wa diteemane wa Jwaneng, Rre Oscar Kitsi, a re meletlo ya ngwao jaaka dikgafela, e tshwanetse ya nna segakolodi mo Batswaneng gore ba boele kwa temong.

Rre Kitsi a re Batswana ba tshwantse go tsaya temo-thuo ka tlhoafalo ba dirisa ditsela tsa segompieno tse di babalesegileng, go itepetepanya le phetogo ya loapi. 

A re go lema go ka fokotsa gore Botswana a ikaege ka dijo tse di tswang kwa mafatsheng a sele.

Rre Kitsi a re banana ba inaakanye le temo ka e ka boloka dikokomane tse di tlang. 

 O supile fa bagologolo ba ne ba aga difalana go boloka thobo, go netefetsa gore ka dinako tsa leuba morafe ga o bolawe ke tlala. 

Modulastilo wa komiti ya dikgafela, Rre Motswakhumo Setabo, e ne o kaile fa nako e gorogile gore banana ba inaakanye le temo, segolo jang e e tlhabologileng, go itepatepanya le seemo sa phetogo ya loapi le go nna le dipoelo tse di bonalang. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : Maboane

Event : Ipelelo moletlo wa ngwao

Date : 27 Oct 2026