Breaking News

Robala Ka Kagiso Motalaote

12 May 2026

Motswana o a tle a supe fa leso le sa tlwaelwe. Se ke ka ntlha ya gore le tsisa khutsafalo mo go ba ba gaufi le yo o tlhokafetseng.

Le fa le le botlhoko jo bo kalo, leso gape le fa ba ba gaufi le moswi sebaka sa go mo gopola, mme fa e le motho yo motlhala wa gagwe o kgatlhang, ba nna motlotlo ka ene e bile ba mo gopola jalo ka boitumelo, seo se fokotse kutlobotlhoko mo dipelong tsa bone.

Tebang le Tautona wa pele Dr Festus Mogae, yo o tlhokafetseng Motsheganong a roba bobedi, Batswana ba mo gopola  ka tse dintle tse a didiretseng lefatshe. 

Kwa setlhoeng sa tsotlhe tse a di dirileng, go mekamekana ga gagwe ka bopelokgale le ntwa kgatlhanong le segajaja sa HIV le AIDS ke sengwe se Batswana ba mo rolelang hutshe ka sone.

Banni ba Letlhakane, Rre Kgopolo Kgokologa le Rre Thomas Selelo ba re fa Tautona Mogae a ka bo a ne a sa ema ka dinao, HIV/AIDS e ka bo e ne ya tswala lefatshe la Botswana ka letlhaku.

Ba re seemo se ne se le maswe thata mo malwapa a neng a fitlha beke le beke.

Rre Kgokologa o akgoletse Dr Mogae ka tshwetso ya gore puso e fe Batswana dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV ntle le go ba lopa tuelo epe, fa Rre Selelo a mo akgolela go dibela tshaba ya Botswana mo go komediweng ke leruarua le le neng le tlhasetse ka nako eo.

Rre Lloyd Mutakela wa Lesoma o gakologelwa Tautona Mogae ka boikobo le go rata lefatshe la gagabo le go le ratela tse di molemo.

Rre Mutakela wa dingwaga tse 84, a re kamano ya gagwe le Dr Mogae e simolotse go tloga ka 1963 fa a berekela kwa lephateng la dikgwa le dibapalwa-nageng.

A re e ne e re botautona ba pele, Sir Seretse Khama, Sir Ketumile Masire le Dr Mogae ba buisa diphuthego tsa kgotla kwa Francistown le mafelo a a mabapi le kwa kgaolong ya Chobe, a nne le seabe mo go rulaganyeng dipego tsa seemo sa ditirelo ka a ne a le mongwe wa bagolwane kwa dikgaolong tse pedi tseo.

A re fa a direla kwa Chobe, e ne e re Tautona Mogae a etetse koo a je kwa Chobe Game Lodge mme ka dinak tsotlhe a ne a nna a laletsa badirelapuso go ja le ene fa tafoleng.

O ne a le dinyao, fa a leng teng go ne go nna go le setshego fela.”

Rre Mutakela a re Dr Mogae o ne a le leitlho le le bogale mo go tsa kgwebo le tiriso ya madi, selo se a reng se ne sa dira gore ba le bantsi ba  tlhaloganye tsamaiso ya madi a setshaba le go nosetsa mowa wa go rulaganya sentle ditogamano tsa ditlhabololo.

Mokhanselara wa pele wa kgaolwana ya Tutume West, yo o neng a emetse kgaolwana eo ka dingwaga tsa 1994 go ema ka 2009, Rre Mujulumba Wolani a re Tautona Mogae o ne a lebagana le segajaja sa HIV le AIDS ka bopelokgale jo bo neng bo ise bo dirwe ke tautona ope lefatshe ka bophara.

Rre Wolani, a re Rre Mogae e ne ya nna tautona wa ntlha go nna sekao mo Batswaneng ka go itlhatlhobela mogare wa HIV, seo e le tsela ya go supegetsa Batswana botlhokwa jwa go itse seemo sa bone sa mogare.

Rre Wolani a re mo kgaolong ya bone ba mo gakologelwa gape ka tshwetso e a neng a e tsaya ya gore maphata a puso a fokotse go aga dikago tse di sha mme go baakanngwe tse di ntseng di le teng. Seo a re se ne sa thusa thata mo kgaolong ya bone ka dikole tse di neng di fetogile matlotla di ne tsa baakanngwa, metse ya boa ya nna mentle gape.

Mme Amantle Kodisa wa dingwaga tse 42 wa kgotla ya Taukobong kwa Kanye, fela jaaka Batswana ba bangwe a re ntwa e RaNametso, jaaka Dr Mogae a ne a bidiwa, a e loleng kgatlhanong le HIV/AIDS e bolokile tshaba ya Botswana.

“Malwapa mo Botswana ka bontsi a ka bo mo nakong eno a tswetswe ka letlhaku,” ga tlhalosa Mme Kodisa, yo a tladitseng ka go tlotlomatsa lenaneo la thibelo mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa loseeng ka nako ya boimana.

Mme Thandi Tebogo wa dingwa tse 46, e bile e le modiri wa lephata la dikitsiso o tlhalosa fa e le mojaboswa wa boeteledipele jwa ga Dr Mogae.

A re ka 1999, morago ga go fedisiwa ga lenaneo la Tirelo Sechaba, dialogane tsa lekwalo la Form 5 di ne tsa lebagana le phadisano e e mashetla ya go iponela diphatlha tsa thuto kwa dikoleng tsa ithutelo-tiro.

A re puso ya ga Tautona Mogae e ne ya romela bontsi jwa ba ba neng ba sa kgona go iponela diphatlha tsa go ithutuntsho mo gae kwa mafatsheng a sele go ya go ithuta teng.

Mme Tebogo a re morago ga go wetsa dithuto, dialogane di ne tsa lebanwa ke kgwetlho e nngwe ya go tlhoka mebereko, mme puso ya ga Tautona Mogae e ne ya ba fa mebereko ka go ba thapa mo maphateng a puso ka go farologana a akaretsa maphata la dikitsiso le la kgaso ga mmogo le go ba dira baanamisa-mafoko mo maphateng a puso.

Tona wa pele wa dikgaolo le tsa lefatshe gape e le mopalamente wa pele wa kgaolo ya Nkange, Rre Ambrose Masalila (wa dingwaga tse 89 o tlhalositse fa e rile Rre Mogae a tlhopiwa go nna mothusa-tautona wa ga Sir Ketumile Masire, bontsi jwa bangwe ka ene kwa phathing ya bone ya Domkrag ba ne ba sa dumalane.

A re ba ne ba le kgatlhanong le go tlhopiwa ga gagwe ba re ntle le gore o rutegile, ga a itse sepe ka sepolotiki.

Rre Masalila a re le fa go ntse jalo, Rre Mogae o ne a supa bokgoni mo tirong go feta jaaka batho ba ne ba solofetse.

Rre Masalila a re ka nako e go neng go simolodisiwa mananeo a go adimisiwa madi ke banka ya ditlhabololo, bangwe ba ne ba ikgatholosa go busa madi a ba a adimilweng ka tsholofelo ya gore puso e tla phimola sekoloto, mme Tautona Mogae a ntsha taolo ya gore mongwe le mongwe a duele madi a gagwe gore Batswana ba bangwe le bone ba tle go bona thuso.

Se, a re se supa Rre Mogae e ne e le motho a dira tiro ya gagwe ka botswapele, a dira jalo a eteleditse pele dikeletso tsa Batswana.

Dr Festus Mogae, e ne ele motho yo o neng a le pelontle thata e bile a rata ditlhabololo di dirwa ka pele ka kelotlhoko, o ne a tlhalosa fa monggae a tshwana fela le motswakwa ka gore fa bobedi jo bo kopane ba amogana dikitso tse di farologaneng, go nna le tswelelo pele, ’’ ga bua Rre Masalila.

Rre Kitso Matheatau, wa dingwga tse 70 wa kgotla ya Morula kwa Serowe a re Dr Mogae o ne a dumela mo go reng bomme ba thapiwe mmogo le borre ka tekatekano ka gore ba akanya ka go harologana, ka jalo go ka nna le tema fa ba tshwaraganetse go tsamaisa mananeo a ditlhabololo.

Rre Kaunda Tsela wa dingwaga tse 57 wa kgotla ya Kgamane kwa Serowe o gakologelwa Dr Mogae e ne e le motho a rata morero e bile a ne a rata dikgang di rarabololwa ka kagiso.

Mme Kitso Simon wa kgotla ya kgamane kwa Serowe a re Tautona Mogae o ne a dirisana thata le babegadikgang, a nna a ba lemoga a bo a ba galaletsa fa a tshwere diphuthego tsa gagwe.

Mme Sarah Makgwana wa dingwaga tse 50 wa kgotla ya Mogogorung kwa Molepolole a re Rre Mogae ke motho yo o neng a rata setshaba se se bopaganeng se sena tlhaolele ya semorafe.

A re Dr Mogae o ne a batla gore batho ba tsaane ka tekatekano, ba tlotlane, go sena yo o gatakang ba bangwe ka dinao.

Rre Bhadram Rao, mogwebi kwa toropong ya Francistown, mme a tlholega kwa lefatsheng la india, a re o gopola Rre Mogae boikokobetso jwa gagwe mo setshabeng ka kakaretso.

A re o kile a nna le sebaka sa go mo dumedisa ka seatla, a mo atla le go bua nae kwa moletlong mongwe. Rre Rao a re o ne a itumela thata ka jaana kwa a tlholegang teng go sa letlelesege go atamela tautona.

Rre Nabeel Iftikhar, mogwebi kwa Francistown mme a tlholega kwa Pakistan, a re Rre Mogae o ne atsamaisa itsholelo ka manontlhotlho a a kwa godimo.

A re ka nako ya gagwe dikgwebo di ne di tsamaya sentle le dipoelo di le teng.

Rre Iftikhar a re fa a goroga mo Botswana ka 2003, lefatshe la Botswana le ne le dira sentle thata mo papadisanong le mafatshe a mangwe e bile borukhutlhi bo sa atla.

Mme Josephine Bathoen o kaile fa Rre Mogae a nnile le seabe se segolo go thusa Batswana ka lenaneo la Namola Leuba.

“Re ne re sa wele mo isong, re itshetsa le bana ba rona. Re lathegetswe tota. Ke ne ke mo rata thata.”

Kgosi Pepukani Makambe wa Monarch kwa Francistown a re Rre Mogae o nnile le seabe se segolo mo go itshetleleng ga bodirelapuso.

A re Dr Moage gape o ne a rotloetsa thata ditlhabololo, bogolo jang tsa metse-selegae, a re gape o ne  ka nako tsotlhe a batla gore go tliwe ka ditharabololo e seng go tlotlomatsa mathata le dikgwetlho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 12 May 2026