Dirisang balemisi - Zolo
16 Oct 2025
Mogolwane wa balemisi mo kgaolong ya Palapye, Mme Ntlhokwa Zolo o kopile balemi mo dikgaolong ka go farologana go dirisa balemisi ka ba na le boitseanape jo bo ka ba thusang go tlhabolola temo ya bone.
A re balemisi ba na le boitseanape ka tse di farologaneng tsa temo ka jalo balemi ba ka tsaya botsipa mo go bone mo go sepe fela se se amang temo.
O ne a bua se kwa masimong a ga Rre Gothusang Kebaitsang gaufi le motse wa Moremi kwa ba Lephata la Lefatshe le Temo Thuo ba neng ba kgobokantse balemi ba kgaolo ya Palapye go ba ruta ka temo ya tapole le gore e ntshiwa jang mo tshimong.
Mme Zolo a re balemisi ba beilwe mo dikgaolong ka go farologana, mme maikaelelo e le gore ba nne gautshwane le balemi go ba thusa ka tse di farologaneng tsa temo.
Mo go tse dingwe, Mme Zolo o ne a supa fa Rre Kebaitsang a kgonne go lema tapole ya ba ya nna mo seemong sa gore e ntshiwe mo tshimong, go tsisa tsholofelo ya gore Batswana ba ka dira go feta fa.
O supile fa go na le mafatshe mangwe a a leng mannye mo lefatsheng leno mme a ntsha dijo tse dintsi mo temong ka jalo balemi mo Botswana ba tshwanelwa ke go tsaya malebela mo go one mme ba tlhoafalele temo ka ba na le lefatshe le lentsi e bile lengwe le sa lemiwe.
Ka jalo o ne a rotloetsa balemi go dirisa lefatshe le lentsi le le leng teng mo nakong eno go ntsha dijo a ba a supa fa go sa tlhokafale gore molemi a leme mo lefatsheng le letona mme a ka lema fela mo go lekaneng a bo a ntsha dijo tse dintsi.
Mme Zolo a re setlhogo sa letsatsi leo se se neng se re, ‘’Re batla go tswakatswakanya temo ya merogo go tsamaela ko go reng re nne le dijo tse di lekaneng’’ se supa fa lephata la gagwe le bua e bile le na le maikaelelo a gore lefatshe leno le ntshe dijo tse di lekaneng e bile le kgone go rekisetsa le mafatshe a mangwe.
A re balemi fa ba leng teng ba tshwanetse ba lemele go jesa lefatshe leno le gone go rekisetsa mafatshe a mangwe ka mo nakong eno go setse go dirisitswe madi a mantsi thata go tsaya dijo kwa ntle ga lefatshe leno.
O ne a supa fa tsholofelo e setse e le teng ka go na le dijo dingwe tse di tshwanang le mofuta wa namune (citrus), beetroot, carrot tse di simolotseng go rekisiwa kwa ntle ga lefatshe leno.
Molemisi wa kgaolo ya Palapye Mme Kemmonye Nduna o ne a supa fa balemi ba le bantsi mo kgaolong ya Palapye ba lema tapole mme bontsi jwa balemi bao e le ba ba lemang e ntsi thata ba e lemela go rekisa (commercial farmers).
A re ba rotloetsa balemi go lema tapole ka e na le kwa e ka rekisiwang teng mme fa ba ba rotloetsa jalo ba tsaya dikgakololo tsa bone ka go setse go na le ba ba e lemang. A re le fa bangwe ba santse ba tshaba go lema tapole ba na le bokgoni ka bontsi ba setse ba lekeletsa go e lema.
A re go na le kgwetlho ya didirisiwa tse e leng tsone di kgoreletsang balemi mme ba rotloetsa balemi go dira ditlhopha gore ba admimane didirisiwa tse di tshwanang le polantara, le metshini e mengwe e e ntshang tapole gore ba seka ba babalelwa ke go dirisa madi a mantsi.
Molemi wa tapole Rre Kebaitsang o ne a supa fa a ne a na le lerato le lentsi la go e lema ntswa a na le kgwetlho ya didirisiwa. A re e re ntswa tapole e na le tiro e ntsi fa e lemilwe, o ne a seka a bona seo e le sekgoreletsi.
A re kgang e nngwe e e mo tsenyang moko, ke ka fa puso e thusang e bile e rotloetsang temo ka teng le go dira mananeo a a ba rotloetsang le gone go tswala melelwane gore ba kgone go rekisa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Moletlo
Date : 16 Oct 2025