Breaking News

Bakgatla ba gakologelwa Kgosi Linchwe

21 Nov 2013

Banni ba Pilane ba ne ba kokoana kwa kgotleng ya bone go tla go amogela mpho ya mokwalo wa lekotswana o o supang gotlhe ka pulo ya ofisi ya kgotla ya motse oo.

E rile Kgosi Mothibe Linchwe a amogela mpho eo ka Mosupologo Ngwanaatsele a tlhola lesome le borobabobedi, a tlhalosa fa tiro e e shafatsa mosepele le tiro e Kgosi Linchwe a e diretseng lefatshe la Botswana.

A re se ke tlotla e kgolo mo moeteledingpele wa tlhwatlhwa yo o neng a dira ka bonatla mo go tsotlhe tse a neng a di romiwa e bile a sa rate batho ba ba boitseme.

Kgosi Mothibe yo o gatileng mo dinaong tsa ga Kgosi Linchwe ka go nna moeteledipele wa makgotla a Setswana a boikuelo, a re ke tlotla e kgolo fela thata gobo a amogela mpho ya mogaka yo o neng  a dira tiro ka botswapelo.

A re ke tshwanelo ya Batswana gore ba tlotle mabutswapele a a diretseng lefatshe leno mme ba le re naya le setse le tlhabologile jaana. Kgosi Mothibe o ne a lebogela kompone ya Red Glow e e dirileng mokwalo o montle oo wa pulo ya ofisi, o o betletswe mo lentsweng ka botswerere; mokwalo o o neng wa sirololwa ke Kgosi Lenchwe ka ngwaga wa 2000. A

re se se tshwanetse go gwetlha Motswana mongwe le mongwe go nna le seabe mo go direleng lefatshe leno, bogolo jang ka lefatshe le agiwa ke popagano. O ne gape a tsaya sebaka seo go gakolola magosi go busa merafe ya bone ka tlotlo le lorato, le gone go bereka ka fa molaong.

Mogolwane wa kompone ya Red Glow, Rre Naphtal Kaeparura, a re o dirile tiro e morago ga gore mokwalo o o supang gore ofisi e butswe leng, ke mang, o ngaporologe mo lekotswaneng mme wa bewa mo ofising.

A re o ne a lemoga botlhokwa jwa go lemotsha Batswana gore ofisi ya Pilane e ne ya bulwa ke Kgosi-kgolo ya Bakgatla Kgosi Linchwe, e bile seo gape e le sesupo sa ditso tsa morafe wa bone.

Rre Kaeparura a re go botlhokwa gore le dikokomane di tle di itse sentle ditso tsa Bakgatla ka mokwalo o e tla nna wa sennela ruri. A re o ne a dira tiro e ka gore tebelopele ya 2016 e gaufi mme le ene o ne a batla go nna le seabe mo ageng tshaba ya Botswana.

Rre Kaeparura o ne a rotloetsa boradikgwebo jaaka ene go ema ka dinao go thusa mo metseng e ba nnang mo go yone le go tsenya letsogo mo ditirong tsa setshaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : PILANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Nov 2013