Breaking News

Thuto ke selotlele sa botshelo

22 Oct 2013

Mogokgo wa sekolo se segolwane sa Diratsame kwa Moshupa, Mme Chawada Dioka, o akgoletse sekolo seo go ntsha maduo a a kwa godimo mo dingwageng tse di fitileng.

O buile jalo kwa moletlong wa kabo-dimpho, wa go leboga bana ba ba neng ba tshwere ka thata go ntsha maduo mo go tsa thuto. O ne a kgothatsa ba ba dirang mophato wa boraro monongwaga go ipaakanyetsa ditlhatlhobo tsa bone ka mashetla.

Mme Dioka o akgoletse barutabana ba ba masome a mane le bosupa, ba ba rutang kwa sekolong ka botshwerere jo bo dirang gore bana ba kgone go tswelela ba fetela kwa dikolong tse dikgolwane. A re sekolo se ntsha maduo le mo go tsa metshameko jaaka bana bangwe ba sekolo ba kile ba ya go emela Botswana kwa metshamekong ya COSASA, le ba bangwe ba metshameko e e farologaneng ba tsisitse dietsele mo sekolong.

O kaile fa sekolo se na le buka e e tswang gabedi mo ngwageng e e supang maduo a Diratsame. A re buka e, e ithaopetsweng go diriwa mahala ke khamphani e e ikemetseng ka nosi ya Sharp Eye Pictures. Mme Dioka a re lephata la thuto le akgotse sekolo ka P25 000. O lebogile dikhamphani tse di thusitseng mo dingwageng tse di fitileng jaaka: Barclays Bank, Letshego Legal Services le tse dingwe tsa beng gae ba Moshupa, gore ba tswelele ka go tsenya letsogo mo go thuseng sekolo.

Mogokgo a re sekolo seo se iteisana borathana le dikolo tse dingwe, mme gore se kgone jaana, ba tlhamile ditlhopha le babereki ba sekolo le barutabana go nna ba gakolola baithuti ka dinako tsa go bala. Moruti Joel Keitumele, yo e neng e le sebui sa tlotla, o ne a kgothatsa baithuti ba sekolo, a ba kaela ka fa thuto e leng botlhokwa ka teng, e bile a supa fa e ka ba tsaya, ya ba baya golo gongwe fela fa ba ka tlhwaafalela go bala.

Fa a tswelela, a re le fa bangwe ba sa dire sentle mo go tsa thuto, ba dumele mo modimong gore ba kgone. O ne gape a ba rotloetsa gore ba tlogele mekgwa e e maswe mme ba lebagane le thuto fela ka ke yone selotlele sa botshelo. O ne a fa sekai ka botshelo jwa gagwe fa a tsena sekolo, mme a fetse ka go lemotsha baithuti fa sengwe le sengwe mo botshelong se kgonwa ka thuto. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oteng Mae

Location : Moshupa

Event : Moletlo wa kabo dimpho

Date : 22 Oct 2013