Mopalamente o rotloetsa tiriso ya mananeo
20 Jan 2022
Banni ba kgaolo ya Boseja Bokone kwa Mochudi ba rotloeditswe go dirisa mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone.
Erile fa a bua mo phuthegong ya kgotla ko Boseja Bokone bosheng, mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule o kgothaditse balemi go dirisa mananeo a tshwana le ISPAAD go nonotsha temo ya bone.
Rre Pule o rotloeditse banni go sala morago diphuthego tsa komiti e e tlhophilweng go sekaseka molao motheo, a re diphuthego tse di thusa setshaba go ipaya mo dinakong ka diphetogo tse di ka nnang teng.
Le fa go ntse jalo, mokhanselara wa kgotla ya Boseja Bokone, Rre Kabelo Pilane a re banni ga ba jesiwe diwelang ke monko o o tswang kwa letamong la metsi a a leswe le le mo motseng.
O supile fa koporase ya metsi (Water Utilities Corporation (WUC) e sale e rerisitse fa go tlaa tshelwa dibolaya-megare mo letamong mme nako kgolo ke eno.
Rre Pilane a re ditlhabologo di tsaya nako go tla mo kgaolong ya Boseja Bokone le ntswa motse o gola.
O kopile lephata la kabo-ditsha la Kgatleng go ntsha mokwalo o o supang moalo wa kgaolo, a re se se ka thusa bogogi gore ba lemotshe bagwebi fa ba eletsang gore ditlhabololo di ka dirwa teng.
Fa atswa la gagwe, Rre Lopang Modise go tswa kwa WUC o kaile fa kompone e e kgophang seretse kwa letamong e tsweletse ka go dira tiro mme tsholofelo e le go wediwa ka kgwedi ya Tlhakole kgotsa Mopitlo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sandra Sethaiso
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya Mopalamente
Date : 20 Jan 2022