Breaking News

Molodi wa setinkane sa gale o rile tuu

21 Jul 2021

Kwa Mokwena go ole setinkane sa gale, phaana ya magola, podi ya pholo, mokgweba o motona, sesigo sa poko ya Sekwena.

A ke maina a barati le barotloetsi a a neng a reta mmoki mogolo Rre Galenamong ‘Rabojalwa’ Keetile a santse a le mo botshelong.

Mme le mo khularong ya gagwe, balatedi ga ba khutse ka maina a gagwe a a tsabakelang ka jaana go ole kakapa, yo o neng e le mongwe wa mabutswa pele a poko ya tlhago.

Rre Moroka Moreri, yo e eleng mongwe wa baboki ba ba amuleng mo go ene a re, ‘Rabojalwa o kalwa ka sekale sa baboki ba tshwana le Sekokotla Kaboeamodimo, Ponatshego Mokane le bo Ratsie Setlhako.’

Rre Moreri a re dingwaga tsa ga Rabojalwa tse di masome a fera bongwe le metso e merataro di mo neela seriti jaaka mongwe yo o faphegileng, ka jaana poko ya gagwe e akaretsa metlha ya Setswana e sa le sone se sa tswakanngwe le sepe. 

Khumo ya mafoko a gagwe o kaya fa e akaretsa paka e ntle ya dikapuo, ditshwantsho le ditemalo tsa poko ya segarona.

Ka jalo o kaya gape gore khumo e kgolo e ya puo le poko, e ne ya dira gore Rabojalwa e nne ene sekgantshwane sa bosenatshwano mo medirong e megolo ya Sekwena mo a feletseng a nna kgeleke a boka magosi a Mokwena ka kitso e e tletseng ditso e e sa fopholetseng.

Rre Moreri o tlhalosa gore le fa rre a tsamaile, poko ga e a latlhega.  

A re mo Molepolole baboki ba ba amuleng mo go ene ba ba ntsi ebile ga ba ipelaele gope ka gore ba ne ba tsaya mo sesaneng se se tona.  

A re Rabojalwa o ne a itse mafoko ebile go lebega a ne a disitse thata.  A re o buisiwa se ke gore fa ba na le ene lefoko lengwe le lengwe la madiso o ne a le bua.  

A re le ntswa a ne a sa itewa seatla, o ne a bala ebile a bala dibuka tsa poko tse a neng a dinyatsa ka bontsi.

A re o ne a rata maboko a sekgantswane sa pele sa poko ebong Rre  Leetile Raditladi.

Le fa go ntse jalo, se se neng se mo dira pharologanyo le baboki ba bangwe ke gore Rabojalwa o ne a itse go dirisa puo.  

A re lefoko lengwe le lengwe la gagwe le ne le tura. O ne a itse go tlhomaganya mafoko le dikgang tsa gagwe.

A re gape o ne a itse go dirisa serala. 

A re ga se mmoki yo o tlolakang jaaka baboki ba bangwe mme o ne a dirisa mmele wa gagwe go ntsha kgang le lentswe la gagwe, sengwe sa dingwe tse ba di amuleng mo go ene.  

Ka jalo, mongwe le mongwe yo e leng leloko la setlhopha sa poko se se bidiwang Basimane ba Mokwena se ba se tlhamileng le Rabojalwa  ba eme mme nonofo ya poko ya bone e tswa mo mafokong a ba a dirisang a a humileng.

O tsweletse are Rabojalwa e ne e le mmoki yo o nang le tlotla mo bathong ba a ba bokang. 

Fa a fetsa, motho yo o neng a mmoka o mmona thata go gaisa fa a simolola go boka.

A re o ba rutile go dirisa mogolokwane.

“Fa a ka duduelediwa ke motho yo o tshophang loleme, o fedisa leboko ka pela.  E tlaa re re le ka ko thoko a re bolelele gore motho yole o ne a betwa ke loleme hela a ntena.”

A re mme fa o batla gore poko ya gagwe e tswe, mo neele setswerere sa mogolokwane o tlaa utlwa le ene a mo akaretsa mo lebokong, a mmitsa ‘kgaladua, sekwakwalla. Mme fa a dirile sentle o ya kwa go ene, ga a mo sole o tlaa bo a nna a re ‘ga mmee, ga mmee’. 

Fa a tshikinyega jaana o itse gore o utlwana le mogolokwane wa motho yoo.

Rre Moreri a re mogaka yo e ne e le motho yo o batlisisang.  

A re fa o mo reeditse a boka kgosi ya Mokwena, go tswa ditso tsa Mokwena le tsa bogologolo tota.  

A re le maina a a dirisang fa a bitsa motho a re ke Ramagogobe, fa o mmotsa gore ke eng fa a ne o rialo, o go bolelela ka leina leo. 

Poko ya kelelelo ya sekwena e ne ya fologela mo baneng ba aneng a ba itlhophela, ba ipitsa Basimane ba Mokwena: Dipako Sesienyane, Kaone Mahuma le ene Moreri ba jaana e leng bangwe ba baboki ba ba ntshang tlhogo mo mererong ya poko mo Botswana.

Rre Sesienyane a re poko ya ga Rabojalwa e ne e na le tlotlo.  

A re o ne a sa ikgagapelele dikitso tsa gagwe.

Sengwe se a tlaa mo gakologelwang ka sone ke gore o mo rutile gore fa mmoki a kopa mmokiwa, o tshwanetse a mo tshwantshanye le motho yo mongwe mme a mo tlotlomatse go feta motho yo a mo tshwantshanyang le ene.   

A re go dira jalo, go dira gore mmokiwa a ipone a tlotlomaditswe thata mme se se dire gore go nne motlhofo gore a abele mmoki sengwefela se se tlaa tswang mo pelong ya gagwe. 

Le fa go ntse jalo, Rre Sesieanyane  a re Rabojalwa e ne e le motho yo o dichaelo mme a dirisa Setswana se se bofitlha.  

A re o ne a ka go raya are ‘ntate ntshitholola ke go lae’, a raya gore o ngwana ga o itse sepe o ka seke o mo reye o re ga a dira sentle.

Rre Mahuma ene a re Rabojalwa o mo rutile go le gontsi ka poko.  A re e ne yare a lemoga fa a na le neo ya poko ka ngwaga wa 2001 a sena go sokologa, a ikatametsa mogaka yo.  

A re e ne yare a tlhapiwa go ya go boka sefikantswe sa dikgosi tse tharo, a tla kwa go ene a tla a motlhatlhelela mme ya re go tloga foo poko ya simolola go mo jesa ka matona a puso a ne a ratile thata leboko la gagwe. 

Moletsi wa mogolokwane, Mme Mme Mmadikgomo Babini, a re o berekile le Rabojalwa go tloga ka ngwaga wa 2002.  

A re o ne a rata mogolokwane wa gagwe ka a ne a re o moleele ebile o na le molodi.  

A re o ne a sa batle motho yo ereng a duduetsa a bo a tlabatlaba, ‘o ne a batla o ema fela fa go ene.’

Rabojalwa ga a tlhotlheletsa baboki fela mme o nnile le seabe mo dibukeng tsa Setswana.

Rre Tiroyaone Pheto yo o kwadileng buka ya Botlhodi jwa nta ya tlhogo e e neng e dirisiwa thata mo dithutong tsa padi ya Setswana, o tlhalositse fa Rabojalwa a nnile le seabe se setona mo go kwaleng buka eo.  

A re o ne a mo tlhatlhelela ka tiriso ya mafoko a Setswana se se nonneng.  

Rre Pheto o mo tlhalosa  e ne e le mmoki yo o pelokgale, a ruta, a sokolola ebile a kgalema.  

O mo tshwantshanya le mmoki wa popota go tswa Mahalapye ebong Rre Leetile Raditladi ka jaana bobedi jo bo ne bo sena molekane mo pokong ya kelelo ya Setswana.

Motlogolo wa gagwe ebile gape a mo ja boswa ka poko, mogasi wa pele wa seromamowa sa Botswan, Rre Billy Mokgosi a re o kwadile dibuka tsa Setswana di tshwana le Maswe a dinala le di khutswe tse le tsone a dirisitseng puo e a e amuleng mo go ene.

A re o gakologelwa nako nngwe a mo latetse kwa seromamoweng sa Botswana a batla gore a tle a mo ise kwa ofising ya ga tautona wa pele Sir Ketumile Masire gore a ye go gapa thamaga ya gagwe.  

A re ke fa e tlaa re ba tswa koo, a mo laletsa gore a mo latlhelele sengwe mo thulaganyong ya gagwe ya dipina le maboko mme a feta a boka ene e le gore ene Rre Mokgosi o akantse gore Rabojalwa o tlaa tla ka leboko le sele fela mme a feta a re: 

‘Billy !Billy!

Motho yo Billy o kae

Ke ne ke tsile kwano ke tsile kwa go tautona

Ke tsile go gapa thamaga

Nna kana ya gaetsho ke e gapa hela kgomo

Ke e gapa hela ha gare ga lekoko

Ke e gapa basimane ba phuthegile

Mme ngwana wa ga nkgonne Billy, o sale le mmala o o apere

O sale le matlotlo a lehatshe

Kana o phorogotlhwana, ga o tshwane le dio dingwe di nna mo metsing

Ba diiwa ke go tlhapa diatla’

 

A re Rabojalwa o ne a raya gore o mo fa boswa jwa gagwe jwa poko.

Bakwena ba tlaa mo gakologelwa ka gore kwa kgotleng ya ga Sechele e ne e le komakanna. 

Kitso ya gagwe e e edileng ya ditso tsa Sekwena e ne ya dira bonolo gore ba meletlo ya Dithubaruba ba mo nopole go nna ketapele ya baboki, e bile e le ene a filweng serwe sa go emeletsa Kgosikgolo ya Bakwena. 

Bontsi jwa balatedi ba moletlo o, ba ne ba tlhaloganya gore nngwe ya ditiragalo tse dikgolo tse ba di elang moletlong, ke go ya go reetsa sefalana sa ditso, Rabojalwa, a di tswa ka tlhaa la tlhogo!

Mmoki wa tlhotlhwa, o tsetswe ka paka ya mephato ya sekwena ya pele. 

O balelwa mo mophatong wa Majanko o o akaretsang bo Rre Ngwanaamotho Kgosiencho, Rre Nkhumo Beleme, Rre Badisang le Bakwena ba bangwe ba motlha oo.

Kwa ntle ga go boka kwa kgotleng kgolo ya Mokwena e e tlwaelesegilweng ka leina la kwa Sebesong, mmoki yo wa popota o ne a bidiwa ke matshwititshwiti a Bakwena fa go na le dipatlo. Poko ya gagwe e e makgethe e ne e akolwa thata fa a eteletse pele dikgomo tsa magadi. Sekgantshwane se ne se bidiwa ka gale mo manyalong go natefisa.

Jaaka kwankwetla ya poko, Rabojalwa o ne a boka bo Tautona ba lefatshe leno. 

Mangwe a maboko a gagwe a a kwa godimo ke fa a boka Tautona Sir Ketumile Masire, yo e ne ya re morago ba nna ditsala tse ditona, a bo a mo abela kgomo. 

Ramojalwa o ne a dira leboko le le humileng ka moletlo wa ga Sir Seretse Khama kwa Serowe, a itumedisa BagaMmangwato, mme a gapa segolo pelo ya ga Kgosi Sediegeng Kgamane, yo le ene a neng a mo atswa ka kgomo. 

Talente e e senang bolekanyetso, e ne ya dira gore bagolo bangwe kwa Molepolole jaaka Rre Legaenyana Matlhabaphiri ba mo atswe ka dikgomo.

Bobegadikgang ka bophara bo ne bo kgatlhegela poko ya mmantswitswidi yo. 

Jaaka naledi ya poko, dikoranta tsa mogae; Mmegi le e e sa tlhole e le teng ya Mokgosi, di ne tsa nna dingwe tse di kwa setlhoeng go kwala ka bokgeleke jwa gagwe. 

Seromamowa sa Botswana ka baanamisi, Rre Barolong Seboni le Rre Mokgosi ba ne ba dira dikgatiso tsa gagwe tse di a tleng di utlwale ka thulaganyo ya Dipina le Maboko.

E ne ya re ka moletlo wa poko wa Single man’s Poetry, a lemogwa le dinaledi tse dingwe tsa poko ka go abelwa seetsele sa poko ke ba Motlhaolosa Poetry Ensemble a bo a gapa leitlho la bagasi ba SABC le pelo ya ga Mohumagadi Semane Molotlegei yo e neng e le sebui segolo.

Sekgantshwane se sa poko, o tshotswe ka 1925, o bolokilwe ka Labobedi kwa Molepolole. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Molepolole

Event : Phitlho

Date : 21 Jul 2021