Breaking News

Boo Tawana ba ithuta ditso tsa boipuso

01 Oct 2013

Mothusa kgosikgolo wa Batawana, Kgosi Charles Letsholathebe are go a itumedisa go bona lefatshe leno le tsweletse ka kagiso le thokgamo go sena tshololo ya madi jaaka go diragala mo mafatsheng a mangwe.

O buile seo a amogela matshwititshwiti a batho a a neng a tshologetse kwa kgotleng go ipelela boipuso. A re seo ke sesupo sa gore Batswana ba tshwaragane e bile ba ikemiseditse go direla lefatshe la bone ka botswapelo. O ne a lebogela bagaka ba pele ba ba dirileng gore lefatshe le bo le le fa le leng teng ka ntlha ya bopelotelele, ponelopel le boitshoko ka nako tse dithata.

Matlhogoputswa a goo Tawana a a boneg lefatshe leno le fatlhoga ba bo ba le gareng ga morafe go o nankolela ka ditso tsa boipuso jwa Botswana. Mongwe wa bone ke Rre Gaerolwe Kwerepe yo eleng mopalamente wa maloba wa kgaolo mme e e ne ya re a tsaya motlhala a supa fa lefatshe leno le tswa kgakala e bile le bone diphetogo tse dintsi fa ba tshwantshanya le pele ga ba tsaya boipuso.

A re ba ne ba tshelela mo leshekereng ka ba ne ba ikaegile thata ka puso ya ga mmamosadinyana ka a ne a ba thusa ka ditlamelo tsotlhe tse di tlhokegang. O boletse fa ka anko eo lefatshe le ne le dira madi a akana ka P6 million mme mmamosadinyana a ba tlaletse ka P6million o mongwe gore ba itataise.

A re lefatshe leno e ne e le lengwe la mafatshe a a lesome a a amilweng ke lehuma la nta ya tlhogo. Rre Kwerepe a re ka ba ne ba na le baeteledipele ba motia ba ba nang le ponelopele e bile ba lemoga fa Botswana e le morwalo , ba ne ba bona go tshwanela gore ba kope boipuso gore lefatshe leno le ikemele mme kopo ya bone ya atlega. A re bogogi jwa nako e o bo ne jwa dira gore go nne le tsamaiso ya gore batho ba fiwe tshwanelo ya go itlhophela baemedi ba ba ka ba gogang ka bokgabane mme ga simolola ga tlhamiwa diphathi tsa sepolotiki.

O tlhalosiste fa phathi e e busang gompieno e ne le nngwe ya tsa ntlha go simolodisiwa mme ka bo lesego ya fiwa sebaka sa go etelela pele go simolola ka 1965. A re ka 1966 lefatshe leno la ikemela ka bonosi mme ba simolola go lemoga fa go na le metswedi e megwe e ka yone e ka thusang go kgobokanyetsa lefatshe madi. Rre Kwerepe a re ba ne ba lemoga fa ba na le meepo le bojanala mme ka yone nako eo lefathse la tutuga ga bonala ditlhabololo.

Rre Kwerepe a re gompieno dilthabololo di aname lefatshe ka bophara a kaya fa seo e le maduo a boipuso mme a rotloetsa Batswana go ipelela seo. Lebutswapele, Rre Modisang Modisang le ene a tshwaela ka gore go botlhokwa thata go gopola bone bagaka ba ba dirileng gore Batswana ban ne le boipuso. A re ba dirile go tlala ka diatla mo dinakong tse dithata mme a gatelela botlhokwa jwa go tsaya letsatsi la boipuso ka tlhwaafalo.

Rre Modisang a re ke boitumelo jo bogolo go bona lefatshe le fitlheletse dingwaga tse di masome a mane le bouspa gorena kagiso le thokgamo. Modulasetilo wa komiti ya boipuso Brigadier Letsogile Motsumi o ne a leboga botlhe ba ba dirileng gore letsatsi leo le atlege.

A re e re ka moono wa letsatsi o re Botswana pele seo ke kgwetlho mo setshabeng go bona gore ba direlang lefatshe ka jaana ba anywile go le gontsi mo go lone. A re go setse dingwaga tse tharo fela go fitlhelela tebelopele ya setshaba mme go maruding a morafe go bona gore seabe sa bone ke eng ka jaana ka anko eo tsholofelo e le go bona pharologanyo e tona. Brigadier Motsumi o ne a supa fa a sa jesiwe diwelang ke batho bangwe a re ba tsaya letstasi la boipuso jaaka la boitapoloso mme a supa fa lone le diretswe go ipela, le go itshekatsheka go bona tse lefatshe le di kgonneng.

O kopile morafe ka kakaretso go fa letsatsi leo tlotla e e tshwanetseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Maun

Event : Letsatsi la go ipelela boipuso

Date : 01 Oct 2013