Sekolo sa Kisa se tsweletse ka go tsabakela
12 Jan 2021
Mogolwane mo Lephateng la Thuto Go tswa kwa Moding kwa Kgalagadi, Mme Makgotha Linchwe, o lebogetse sekole se se botlana sa Kisa go tswelela ka go ntsha maduo a mantle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa.
O buile se kwa letsatsing la kabo dimpho la sekole se bosheng.
A re go a itumedisa gore sekolo seo se dira ka tsotlhe go tlhomamisa gore se tshegetsa maduo aa itumedisang mo dingwageng tse tharo ka go latelelana.
Sekole se, se eteletse dikole di le masome a mabedi le botlhano pele mo maduong a ngwaga o o fetileng ka matshwao a ABC ka 92.3 phesente.
Mme Linchwe o tlhalositse fa dikole tse di potlana di le masome a mane le bobedi kwa kgaolong ya Kgalagadi
E re ka jaana sekole seo ka ngwaga wa 2019 se ne se gaisitse dikole tsotlhe mo Kgalagadi ka 100 per cent, o boletse fa se ipoeleditse gape ka go dira bontle ka go ikgapela maemo a bobedi morago ga sa Makgakgane kwa Kgalagadi Bokone ka 96 per cent.
Mme Linchwe o boletse fa sekole se se botlana sa boraro se se dirileng bontle e le sa Mosiiwa kwa Huuntsi ka 87.5 per cent se longwa serota ke sa Maralaleng ka 84.2 fa maemo a botlhano a gapilwe ke Kolonkwaneng le Rapplespan ka 80.0 per cent.
O supile fa maikaelelo a lephata la thuto e le go rotloetsa dikole go ntsha maduo aa eletsegang ngwaga le ngwaga mme sebe sa phiri e le dikole dingwe tse maduo a tsone a sa ikanyegeng.
O ne a tlhalosa fa kgwetlho ya dipalamo e ba paledisa go lekola dikole ka fa ba eletsang ka teng.
Fa a bua le baithuti ba ba yang go simololang mophato wa ntlha o ne a ba kgothatsa go tswelela ba tshwara ka thata go tshegetsa maduo a mantle ao mme ba ikgape mo go inaakanyeng le tse di duleng mo tseleng tsa botlhoka tsebe.
A re dikgang tsa marato, go tshaba sekole go nwa bojalwa le gone go tlhoka botho le maitseo go ama dithuto tsa bone ka jalo go le botlhokwa go ikgapha.
Mme Linchwe o ne a ba rotloetsa go tsaya thuto ka tlhwaafalo ka go nna sekao mo go ba bangwe ka e le bone baeteledipele ba ka moso.
O ne a bolela fa bana ba tlhokana le kemo nokeng ya batsadi, barutabana le setshaba ka kakaretso go nosetsa peo e mo isagong tsholofelo e leng go ntsha maduo a a molemo. O ne a tlatsa ka go supa fa thuto ya segompieno e ikaegile ka dikitso le maranyane.
Mongwe wa barutabana kwa sekoleng seo Mme Kefilwe Oats fa a bua maikaelelo a letsatsi leo o tlhalositse fa e le go abela dialogane dimpho morago ga go bereka ka natla go ntsha maduo aa kgatlhisang aa tsholeditseng leina la sekole le motse oo.
A re se ba se dirileng se kgothatsa ba mephtao e e kwa tlase go tsaya malebela gore ba tle ba kgone go dira ka bonokopila mo dithutong tsa bone.
Mme Oats o boletse fa gape e le go fa batsadi sebaka sa go tsaya karolo mo thutong ka go tiisa baithuti moko ka go ba abela dimpho le gone go fa batsadi sebaka sa go laela bana go ya mophatong wa ntlha ka go ba lemotsha bosula le tse di molemo.
Mo mafokong a gagwe a kgothatso morutabana go tswa kwa sekoleng se se golwane sa Motswasele kwa Molepolole Mme Ratanang Matswiri o ne a ba rotloetsa go ipakanyetsa legato le ba tsenang mo go lone kwa sekoleng se segolwane ka botshelo bo simolola go fetoga le ka fa ba tla a bong ba dira dilo ka teng.
Mme Matswiri yo gape e leng moithuti wa pele go tswa mo sekoleng seo o ne a arogana le baithuti bao fa go le mo maruding a bone gore ba ipetlele bokamoso jo bo siameng ka go tsenya marapo dinameng go ipetlela bokamoso.
A re ba ipetse ka thupana, ba seka ba inyatsa.
O ba boletse fa maduo a mantle a itirelwa mme a ba kopa go nna le maitlamo le tebelopele mme ba tsepame mo dithutong tsa bone ka go nna le boitshwaro jo bo eletsegang, botho le tlotlo mo barutabaneng ba bone ka seo se ka thusa mo katlegong ya bone.
Boeteledipele kwa motseng wa Kisa ba eme ka dinao go rotloetsa thuto mo sekoleng se se botlana ka go hapaanela go abela bana dimpho ngwaga le ngwaga selo se ba supileng se ba berekela.
Fa a aba dimpho Kgosi Matshidiso Babeile wa motse oo o ne a supa fa seo e le tsela nngwe ya go supa lorato le go kgathala ka matshelo a bana.
Kgosi Babeile a re e le boeteledipele le morafe wa motse wa gagwe ba ne ba dumalana ka bongwefela jwa pelo go tsenya letsogo mo thutong ya bana ka tshwaragano ya batsadi le barutabana.
Kgosi le mohumagadi wa gagwe ba ne ba abela baithuti ba ba dirileng sentle ba le lesome le boraro, wa letshwao la ntlha A a le mongwe o ne a abelwa P500, PI00 wa beke le Podi go tswa kwa go Kgosi Sam Bimbo wa motse wa Omaweneno.
Baithuti ba lotshwao la B ba le batlhano ba ne ba atsiwa ka P300 mongwe le mongwe wa bone fa ba lotshwao la boraro ba le barataro ba tiisitswe moko ka P200 ka bongwe ka bongwe mme a le mongwe yo o neng a sa dira sentle ka lotshwao la E a kgothadiwa ka P100.
Botlhe ba ne gape ba abelwa dimpho tse di neng di tswa kwa batsading ba bone le go itumedisiwa ka go ja kuku go tswa motsading mongwe.
Mo mafokong a gagwe a tebogo modulasetilo wa khansele potlana ya Tsabong Rre Ronald Baitsiwe o ne a galaletsa kgosi le mohumagadi wa gagwe ka tiro e ntle e ba e dirileng ya go rotloetsa mowa wa phadisano mo baithuting mme ebile e se la ntlha.
Rre Baitsiwe yo gape e leng mokhanselara wa kgaolwana ya Kisa, Maralaleng le Omaweneno o ne gape a leboga thata barutabana mo kgaolwaneng ya gagwe ka ba dirile ka botswerere go tokofatsa maduo go nna aa itumedisang le ntswa thuto e ne ya kgorelediwa ke segajaja sa COVID -19 se se tlhagogileng mo ngwageng oo fetileng.
O ne a gwetlha batsena moletlo oo go kotobolotsa mo go ba bangwe ka seo se ka thusa mo tokofatsong ya maduo mo kgaolong eo, a ba a gakolola boeteledipele mo kgaolong eo go kopa kemo nokeng ya dikompone, batsadi le setshaba ka kakaretso go ikgethela baithuti kana diko ka puso e ka seke e kgone e le nosi. BOPA
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : KISA
Event : Letsatsi la kabo dimpho
Date : 12 Jan 2021