Breaking News

'Tsayang botsogo ka tlhwaafalo

29 Nov 2020

 Lephata la Botsogo le Boitekanelo le boloditse letsholo go gasa molaetsa gore  batho ba itlhatlhobele malwetse ka go farologana kwa Maunatlala, Lerala le Palapye.

Mo potsolotsong ka Labone, mmaboitekanelo wa Maunatlala, Mme Lydia Morashia, o tlhalositse fa ba simolotse lenaneo la kgaso ya molemo wa monang go simolola ka Ngwanatsele 3 go tsena ka Morule 23 ka maikaelelo a go fokotsa kanamo ya malaria. 

O supa fa lenaneo le le ba solegetse molemo fela thata ka ba sa tlhole ba utlwa modumo wa monang mo malwapeng a a gasitsweng molemo.

Mme Morashia a re dikgwetlho tse ba kopanang le tsone ke tsa batho ba ba nang le bothata jwa khuphelo le batho ba ba nnang kwa ditoropong mme matlo a bone a lotletswe ka jalo ba sa kgone go tshelelwa molemo. 

A re ntswa ba kopana le dikgwetlho tse, Batswana ba amogetse lenaneo le ka tsoo-pedi ka ba bereka le bone ka lorato le tirisanyo mmogo.

O ne a re maikaelelo a bokopano jo ke go isa molaetsa ko setshabeng gore ba tlhaloganye ka bolwetse jwa malaria le a manngwe. 

A tlhalosa fa malaria e le bolwetse jo bo bakiwang ke monang o o monamagadi a rotloetsa batho go fema malaria ka go phephafatsa tikologo, go katela mahuti a a mo malwapeng go itsa montsana go tsalela mo teng, le gone go latlha ditine le ditaere tse di bulegileng.

Mme Morashia o ne a gakolola batho go dirisa dikoba montsana jaaka (mosquito quale), matoa a montsana le  tseo tse di tshelwang di tshwana le doom. 

O tlhalositse fa dikai tsa malaria fa o simolola e le mogote o o ko godimo, tlhogo e e opang, go ferosa sebete, letlhajwa le letshololo, go sitwa le go tsholola le ditlhabi mo mmeleng.

Mooki wa kokelwana ya Lerala Mme Lorato Makane a tlhalosa fa bolwetse jwa sukiri bo ka tswa mo mothong yo mongwe go ya  ko go yo mongwe mo lapeng mme gape bo kgona go tshelwana eseng go tswa mo lapeng fela. O supa fa ba tlhatlhoba motho sukiri a ise a je sepe. 

A re bolwetse jwa sukiri ga bona kalafi, molwetse o fiwa dipilisi le mokento go ritebatse fela tse di dirisiwang botshelo jotlhe.

Mme Makane a re sukiri e kgona go nna kwa godimo kana kwa tlase, ke ka moo ba bangwe ba e laola ka dipilisi fa ba bangwe ba dirisa mokento go e laola. 

O ne a re fa motho a nna a lapisegile, a tshabelelwa ke tlala, a tsewa ke sedidi gape a tshwenngwa ke motlhapo  kgapetsakgapetsa, a bone ba bongaka go itlhatlhoba ka e le dikai tsa bolwetse jwa sukiri.

Mmereki wa lephata la kabo ya madi Mme Poloko Gagogosha a gakolola batho go aba madi ka a boloka matshelo a batho ba ba latlhegetsweng ke madi mo dikotsing, ka nako ya pelegi kana fa go dirwa loaro. 

A re motho o ka aba madi kwa Serowe, Francistown, Gaborone, Mahalapye, Molepolole le kwa Maun ka ba na le mabolokelo a madi teng (blood group centres).

Mme Gagogosha a re madi a abiwa ke motho yo o seng mo kalafing epe, yo o dingwaga tse 16 - 65 gape bokete jwa mmele e le masome a matlhano (50kg) go feta.

 A re bomme ba tshwanetse go aba madi morago ga dikgwedi tse nne fa borre bone ba tshwanetse go aba morago ga dikgwedi tse tharo.

Ngaka ya meno Rre Hendrick Mereyabone o ne a rotloetsa banni go tlhapa meno gabedi ka letsatsi ka (toothbrush) e e boleta. 

A re o lemogile fa dikgetsi tsa kankiri ya logano di ile magoletsa mo kgaolong ya Palapye ke ka moo ba itlamileng go nna teng mo bokopanong joo go tla go sedimosetsa batho ka tlhokomelo ya meno. O ne a rotloetsa batho go bona ba bongaka go tlhapa meno ga bedi mo ngwageng.

Moitlhaopi wa lenaneo la fokotsa dino go tswa kwa Palapye Rre Kefentse Sebetlela  a re ditagi ga di a rurafadiwa ke ba botsogo go ka tsena mo mmeleng ka di ka baka kankiri le tse dingwe. 

A re tiriso ya diritibatsi tse di tshwanang motokwane ga di a siamela botsogo a re o ama mafatlha kana wa felela o tsenya motho kgotholo e tona (TB). Kwa nte ga go ama botsogo tiriso e, e felela e ama itsholelo ya mo lapeng, motho a senyegelwe ke tiro kana motho a latlhegelwa ke tlhaloganyo.

Rre Sebetlela a re ntswa bojalwa e le kgwebo e e letlelelwang mo Botswana, batho ga ba bo nwe sentle mme ba felelwe ba laolwa ke bojalwa go dira dilo tse di sa siamang jaaka go tshela ba bangwe malwetse a dikobo ba bangwe ba betelele. 

A re ba bangwe ba robala le basetsana ba dingwaga tse di kwa tlase gape ba ba kgokgontsha. 

Rre Sebetlela o rotloeditse batho go nwa mo go lekaneng, gape ba seka ba kgweetsa ba nole ka ba baka dikotsi.

Mme Tinabo Bataatweng go tswa ko lephateng la tlhokomelo balwetse ko malawapeng (Home Based Care) go tswa kwa Palapye a re lenaneo le ke le le fiwang batho ba ba lwalang malwetse a a senang kalafi jaaka kankere, bolwetse jwa sukiri bogolo jang ba ba ikentang, madi a a kwa godimo (High Blood), mogare wa HIV/AIDS le go swa mhama, gape ba tshela ka diritibatse go fokotsa ditlhabi mo mebeleng.

Mmereki wa kokelwana ya Maunatlala Mme Tebelelo Ramaphane a re jaaka puso e rotloetsa mongwe le mongwe go itse seemo sa gagwe, ba bone go tshwanela go tsaa karolo mo bokopanong jo go tla go rutuntsha batho ka mogare wa HIV/AIDS

A tlhalosa gore fa motho a sena go tshwarwa ka mogare o simolola go nwa dipilisi gone foo. Rre Ramaphane a gakolola batho go itlhokomela ka ga ba batle go bona dipalo tsa mogare o di oketsega.

Mme Shanganani Mokhombo go tswa ko lephateng la African Comprehensive Aids Partnership (ACHAP) o tlhalosa fa kgotholo e tona e tsena mongwe le mongwe go sa kgatlhalesege dingwaga. 

A re kgotholo e tona ea fola fa molwetse wa teng a tsaa kalafi ya teng ka tshwanelo gantsi e tlhatlhojwa ka sehuba.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Segojame Ikgopoleng

Location : MAUNATLALA

Event : Posolotso

Date : 29 Nov 2020