Mopalamente o galaletsa mokgatlho
03 Nov 2020
Mopalamente wa Kanye South, Dr Lemogang Kwape, o lebogetse mokgatlho wa Altezza Group go tswa ka moono wa go ipopa gore maloko a kgone go fana maele.
Mopalamente o galaleditse mokgatlho o kwa thuto-puisanyong kwa Kanye ka Matlhatso.
A re motho o tshwanetse go itse gore fa a kgweetsa koloi go tshwana le a tshotse tlhobolo mme fa a sa e tshware sentle e ka mmolaya.
A re go botlhokwa gore motho fa a kgweetsa koloi a babalele botshelo jwa gagwe le jwa ba bangwe.
Dr Kwape, yo gape e leng Tona wa Mafatshe a Sele le Dirisanyo, o gakolotse maloko go itse gore koloi e a tlhokomelwa, a tlatsa ka gore bontsi jwa maloko ke banana, ka jalo fa ba tsaya maeto, go botlhokwa gore magaring ga bone go bo gona le yo o sa nweng bojalwa gore a tle a kgweetse.
O ne a kgothatsa maloko a mokgatlho oo go thusanya go dira dikgwebo gore ba kgone go itshetsa.
O tlhalositse fa lekalana la CEDA le fokoditse morokotso le dikgwedi tsa go duela, ka jalo ba ka itshimololela dikgwebo.
Dr Kwape o kopile maloko a mokgatlho gore e seka ya re ba itumetse ebe ele fa ba nole bojalwa fela, a re se se botlhokwa ke go fana maele a botshelo.
E rile a ntsha la gagwe kgosana, Rre Kgotlaetsile Sane, a leboga mokgatlho oo go rulaganya thuto-puisanyo go tla go itshekatsheka ka jaana ba tlhalositse fa ba tshwenyegile ka dikotsi tsa tsela tse di bakiwang ke go tlhoka go kgweetsa ka kelotlhoko ke bakgweetsi bangwe.
Kgosi Sane a re gantsi dikotsi tsa tsela di bakiwa ke go kgweetsa ke lebelo le le feteletseng le go kgweetsa motho a le mo sediding sa nnotagi.
Modulasetilo wa mokgatlho oo, Rre Lebogang Sabubi, a re ba di rile thuto puisanyo eo ka go tshwenngwa ke dikotsi tsa tsela.
A re matshwenyego a matona ke gore banana ba fediwa ke dikotsi tsa tsela, ka jalo ba bona go le botlhokwa go itshekatsheka gore bothata jo bo ka alafiwa jang.
Rre Sabubi a re mo go bone banana ba, bangwe e a bo ele bone ba tlhokometseng batsadi ba bone, ebile ba solofetse gore ba tlaa tsoga ba ba rulaganyetsa phitlho jaanong gonne botlhoko fa ba tlhokafala pele ba boloka batsadi ba bone.
A re go utlwisa botlhoko ka jaana go utlwala fa koloi ya Altezza e di goga kwa pele mo go bakeng dikotsi tsa tsela, ebile go utlwala fa bakgweetsi ba koloi ya modiro o ba sa kgweedise ba bangwe sentle, ka jalo a ikuela mo go bone go dira diphetogo, a re bangwe ba akanya gore bakgweetsi ba koloi eo ba dirisiwa dikotsi ke bojalwa, a re mme ga go a nna jalo.
A re bojalwa bo siame fela, mathata ke boitsholo jwa motho.
Dibui tse dingwe di kopile bakgweetsi gore fa ba ikutlwa ba lapile ba itapolose go tila go baka kotsi.
Ba re go botlhokwa go tsaya maeto motshegare go na le bosigo ka jaana motho o tlaa kgwetsa a bona sentle.
Ba supile matshwenyego a go kgweetsa motho a dirisa mogala wa letheka ba re seo le sone sena le seabe mo go bakeng dikotsi tsa tsela. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : Kanye
Event : Thuto puisanyo
Date : 03 Nov 2020