Breaking News

Kgosi Malope o bitsa mophato

07 Jun 2018

E tlaa re ka moso ka nako ya bosupa mo mosong, Kgosi Malope II wa Bangwaketse a phuthele basimane botlhe ba ba tsetsweng ka dingwaga tsa 1976 go ya kwa go 1980 kwa kgotlengkgolo go tswa mo dikgaolong tsotlhe tsa Ga-Ngwaketse.

Kgosi Malope o tlhaloseditse BOPA mo potsolosong ka Laboraro ka thulaganyo e.

A re tebelopele ya gagwe ke go aga borre ba kamoso ba ba itlotlang e bile ba na le maikarabelo mo setshabeng, a tlhalosa fa mophato oo e tlaa bo e le wa boraro morago ga wa gagwe wa Matlotlakgosi le wa Maakapula e a neng a e bitsa fa a sale a tsaya setilo ka 2011.

Kgosi Malope a re mephato ya Ga- Ngwaketse go tswa goo-lowe e ne e dira ditiro tse di farologanyeng tsa ditlhabololo, ka jalo le ene o eletsa gore mephato e tswelele e dira ditiro tsa morafe.

A re e bile o itumelela gore banana ba gompieno ke batho ba dikitsokitso tse di farologaneng, ka jalo ba ka thusa go dira pharologanyo mo setshabeng.

A re mophato mongwe le mongwe o na le tiro e o e neelwang.

Kgosi Malope a re mephato e bile e ka thusa go lwantsha botlhokatsebe jo bo atileng mo bananeng, a supa fa keletso e le go felela ba bitsa masogwana a dingwaga tse di ka nnang masome mabedi.

A re bothata ke gore go ne ga tsaya lobaka lo lo leele go sa bidiwe mophato, selo se a reng se dira gore go bo go santse go saletse kwa morago.

A re mophato oo, o kabo o sale o bidiwa bogologolo.

Kgosi Malope a re ka mokgwa wa tshwanelo, mephato ya Ga-Ngwaketse e siana ka dingwaga tse tlhano mme a tlhalosa fa a ka nna a bitsa o mongwe ngwaga o o tlang ka maikaelelo a go fokotsa sekgala se se saleng se bulega fa bogwera bo ema.

Kgosi Malope o kopile makawana ao go tla ba apere diaparo tse ba ka phuthologang ba di apere jaaka marokgwe a bomatalanyane, a tlhalosa fa mophato o tlaa fiwa leina kwa sekgweng morago ga tiro eo e e tlaa tsayang letsatsi le le lengwe.

A re mophato o tlaa tsaya letsatsi le le lengwe fela ka jaana dipaka di fetogile e bile bangwe ba berekela kgakala. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Topo Monngakgotla

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 07 Jun 2018