Bangwato ba rapelela pula
28 Jan 2018
Modulasetilo wa lekgotla la baruti kwa Serowe, Bishop Morategi Selapa a re ba bone go tshwanela gore ba kopane le dikgosi le morafe wa ga Mmangwato ba rapelele pula.
Moruti Selapa a re e ne ya re Phalane a tlhola letsatsi fa Kgosi Sediegeng Kgamane a bolotsa letsema, a tlhalosa gore fa pula e ka se ke e ne, ba tlaa thulanya ditlhogo le baruti ba bitse morafe go tla go kopa mo go Ramasedi.
O buile jaana ka Labotlhano fa morafe wa ga Mmangwato o ne o tsile go rapelela pula kwa kgotleng kgolo ya Serowe.
Bishop Selapa a re batho ba tshwanetse go ikanya Modimo go na le motho ka gore ga go na ope yo o nang le taolo mo dilong tse di mo lefatsheng kwa ntleng ga ga Ramasedi.
O rotloeditse morafe go ya go lema ka tumelo ya gore pula e ka na ka gore Modimo o tlaa ba utlwela botlhoko.
Bishop Selapa a re moono wa lekgotla la baruti mono ngwaga ke go dira pharologanyo ka thapelo ka go kopa Modimo go emisa masula a a gomagometsang go nyeletsa kagiso le thokgamo tse di renang mo Botswana.
A re ba kopane e le diphuthego go simolola ngwaga ka dithapelo.
A re kgwedi e e tlang ba tlaa bo ba kopane le Motor Vehicle Aaccident Fund go rapelela dikotsi tsa tsela ka le tsone dipalo di supa fa di batla go nyeletsa sika loo motho.
Bishop Cynthia Phofu go tswa kwa St Ruth Redemption a re e le ba lekgotla la baruti mo Serowe ba tshwentswe ke mogote o o kwa godimo.
O kopile morafe go bala lekwalong la Dikgosi wa ntlha, kgaolo ya boferabobedi temana ya masome a mararo le botlhano le masome a mararo le borataro.
Bishop Phufo a re fa batho ba ka tlogela ditiro tse di bosula, Modimo o tlaa ba utlwa mme a ba nesetsa pula ka gore fa go sena pula ga go na botshelo mo ditshiding tsotlhe tse di mo lefatsheng.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : Serowe
Event : PHUTHEGO
Date : 28 Jan 2018






