Breaking News

Boleng jwa boipuso bo a tshwenya

25 Sep 2017

Malatsi fela a se kae pele ga letsatsi la boipuso jwa masome a matlhano le motso (50+1) le ketekwa, BOPA e ne ya tswa letsholo go buisana le bagolo bangwe kwa toropong ya Francistown go utlwa ka maitemogelo a bone a go keteka le go ipelela letsatsi la boipuso mo malobeng le ka jeno.

Mo puisanyong e, bagolo ka go farologana ba ne ba supa fa ba sa jesiwe di welang ke go nyelela ka iketlo boleng jwa go ipelela serodumo sa letsatsi la boipuso ke Batswana lefatshe ka bophara.

Bagolo bao ba supile gore fa ba tshwantshanya maipelo a go keteka letsatsi le mo malobeng le malatsi a segompieno go na le pharologanyo e e kwa godimo mme e bile ba sa itumelele maipelo a a supiwang ke batho bangwe ka letsatsi le.

Bangwe ba bagolo ba e ne e le mme Glorian Mzizi yo a dingwaga tse di masome a ferang bobedi a tlholega kwa Serowe.

Mme Mzizi yo a nnang mo Block 1 kwa toropong ya Francistown o tlhalositse fa letsatsi le la boipuso le ne le raya go le gontsi mo matshelong a Batswana ka kakaretso.

Ka jalo o tlhalosa fa e ne e le tshwanelo le boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe gore ka lone letsatsi le a iketleeletse go ya go phuthagana le Batswana ba bangwe kwa kgotleng kgolo go supa boitumelo le boipelo ka letsatsi la boipuso.

O tswelela a tlhalosa fa boitumelo joo le boipelo joo e ne e le tsela ya go supa fa ba le motlotlo e bile  ba leboga bogogi jwa lefatshe go bo bo ne jwa kgona go atlega go ka tsaya puso go tsweng kwa mmusong wa mmamosadinyana.

“Go go ntsi mo nka go buang ka letsatsi le mo malobeng kadinako tsa rona.

Letsatsi le re ne re le tsaya tsia ka mo go tseneletseng ka e ne e le lone letsatsi le re neng re phuthagana kwa kgotleng kgolo ya Serowe go ya go tsaa ka tsoo pedi molaetsa wa Tautona o neng o akaretsa tshedimoso ka tse lefatshe leno e di kgonneng tsa ditlhabololo ga mmogo le go re rolela maitlamo le maikemisetso a puso ka matshelo a rona.”

A tlhalosa jalo a bolela f aka nako e neng molaetsa o o balwa go bo go le tshitshibalo e e rileng go supa tlotlo le tlhompho mo mafokong a ga Tautona wa bone wa nako e o.

Gone ka letsatsi le gape, Mme Mzizi o tlhalosa fa mo makukung ba ane ba sale ba phakeletse kwa kgotleng go ya go tlhaba dikgomo, dipodi, dinku, dikoko tsa Setswana le go apaya dijo tsa setso ka go farologana ga tsone.

“Dijo tse di a bo ne di ntshitswe ke morafe ka bongwe ka bongwe ba kolekela fa godimo ga tse di ntshitsweng ke puso go tlatsa.” a bolela jalo a supa fa dijo tseo di ne di ntshiwa ka mowa wa boitlhaopo ke Batswana.

E ne ya re fa a mo tlatsa, mme Sephalani Nfana yo a tlholegang kwa Tonota yo a dingwaga tse masome a marataro le borataro a tlhalosa fa e ne e re fa dipitsa di kgabakgaba mmino ya setso, dipina tsa setso, dikoma, melodi le megolokwane e bo e le ntletse tletse.

O tlhalosa fa dithulaganyo tseo di a bo di ne di remeletse go supa bokao jwa Batswana golo kwa ba go tswang e le Batswana go sedimosetsa dikokomane motlhala wa bone.

Le ene fela jalo o supa fa e ne e se mokgwa e le molao gore ka letsatsi le ba ye go phuthaganela kwa kgotleng kgolo ya bone ya Tonota seo a re e ne e le sesupo sa go supa le go lemoga tshwaragano ya Batswana mo matshelong a bone.

Mme Nfana o tlhalositse fa e ne e re morago ga dithulaganyo tsa moletlo wa boipuso di wela bagolo ba nne ka fa tlase ga ditlhare ba anwa bolalwa jwa Setswana jwa mokuru jo bo dirilweng ka mabele fela bo sena motswako ope.

A re ne go sena ngwana yo a ka bonwang a tsholeditse nkgwana a nwa bojalwa go itsege sentle gore ke seno sa bagolo fela.

Fa a iteela kobo moroko Kgosi Simon Nkgageng wa lekgotla la Setswana la Tati Siding a paka fa e le ruri boipuso bo ne bo ketekelwa kwa dikgotleng go ya go nna seopo sengwe go ikgakologelwa golo kw aba go tswang ga mmogo le go utlwa ka kgatelopele e lefatshe e tsweletseng ka go e dira go tlhabolola sechaba ka kakaretso.

Kgosi o tladistse ka go tlhalosa fa ka nako ya letsatsi le go a bo go engwe sentle kapari e le ya setso, dikgotla di kganya ka mebala ya lefatshe ya botala jwa loapi, bosweu le bontsho.

Le fa go ntse jalo bagolo ba ba tlhalositse fa ba ngomoga dipelo ke dingwe ditiragalo tsa matlhotlhapelo tse di nnang teng ka lone letsatsi le batho ba ne ba re ba a ipelafatsa.

Ba boletse fa batho bangwe ba na le mokgwa o bosula wa gore letsatsi la boipuso ke gore go ipuse bone ba dire tse ba di batlang mme le fa go ntse jalo e se dilo tse di siameng tse di ka ba sologelang molemo fa e se go ba tsenya ka lemena fela.

Kgosi Nkgageng o tlhalositse fa dipalo tsa batho ba ba tsenelelang moletlo o wa dikgotleng e le boutsana fela thata a tlhalosa fa e le banana bone bas a ipone tsapa gotlhelele go ka ya go ipelela letsatsi la boipuso.

A re banana segolo bogolo ba na le go ikanya go ya kwa mafelong a marekisetso a majalwa kwa ba feletsang go tsoga dikgotlhang go le tshwarang tshwarang feisi le thipa di lelela boatleng madi a tshologa.

O tlhalositse fa mo ditseleng gone dikotsi tsa tsela di begwa kgapetsa kgapetsa le matshelo a batho bangwe a latlhega.

Ditiragalo tse tsotlhe bagolo ba ba boletse fa di isa kwa tlase boleng le serodumo sa go ipelela katlego ya puso ya lefatshe leno go bo e tsere boipuso jwa lone ka kagiso, thokgamo le thitibalo.

Ba bile ba tlhalosa f aka jaana le fathse leno le itsege ka kagiso, thokgamo le thitibalo mme e bile le melediwa mathe ke ba dichaba go thona gore ka letsatsi la Botswana go ba go diragala ditiro tse di bosula.

Ke gone ka moo ba ikuetseng mo Batswaneng go ikgapha mo ditirong tse di k aba leswefatsang mme ba lemoge botlhokwa le boleng jwa letsatsi la boipuso ka kakaretso.

Ba tlhalositse fa ba eletsa gore Batswana b aka ikgakologelwa ba nna le lenyora go nna ba tshologela kwa dikgotleng ka dipalo tse di kwa godimo go ya go ipela ba le mmogo ga mmogo le go tsaya molaetsa wa Tautona ka tlhompho le tlotlo.

Fa a tswa la gagwe mme Ofhentse Lupe a bolela fa go tshwanetse ga dirwa go le gontsi mo bathing gore ba lemoge letsatsi le le bokao jwa lone mo matshelong a Batswana ka kakaretso.

Mme o tlhalositse fa go tlhokega bo Modimo mo dipelong tsa batho gore kgabagare bat le ba ikgaphe mo ditirong tse di duleng mo tseleng tse ka tsone di feletsang di ba lebatsa se ba leng sone le kw aba go tswana.

Mme Lupe o gateletse fa go nna le poifo mo modimong e le yone tshimologo ya botlhale. E rile fa akgela mo kgatelong pele e lefatshe leno le e dirileng mo dikgannyeng tsa merero ya ditlhabololo ga mmogo le tokafatso matshelo a Sechaba, mme Lupe a supa fa lefatshe leno le le kwa mankaleng kaleng.

O supile fa ene ka nako e neng lefatshe leno le tsaya boipuso a ne a le dingwaga tse di lesome le boraro mme ka nako eo go ne go sena le fa e le sepe sa ditlhabololo se ba neng ba ka se supa go ipela ka sone.

A re ne ba tsena dikole ba tsamaya sekgele se se leele go latela sekole mme e bile ne ba tsenelela dithuto tsa bone ka fat lase ga ditlhare.

O tswelela fa go ne go sena ditsela, dikokelo, di ofisi le fa e le tsone ditlhaeletsano.

A re e ne e re merafe e batla go buisana kana go lekodisana go ne go kwalwa lekwalo go ba go rumiwa mongwe a le isa ka dinao mme go tsee sebaka se se leele gore molaetsa o goroge le phetogo ya one ka ne go sena dipagamo.

Mme mo nakong eno dilo tse mme Lupe o supa fa di le teng mme e bile botshelo bo le bonolo go gaisa. Ke sone ka moo a neng a re o leboga boeteledipele jwa lefatshe leno a re ke jo bo nonofileng e bile bon a le tebelopele go tlhabolola lefatshe le sechaba sa lone.

Lefatshe leno le tlaa bo le ipelela boipuso ja dingwaga tse di masome a matlhano le bongwe ka Matlhatso mme ka jalo tsholofelo le tumelo ke gore Batswana ba tiise ba ipelele letsatsi le ka dipelo tse di phophomang boitumelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 25 Sep 2017