Breaking News

Botlhoka tsebe ga bo busetse

12 Sep 2017

Kgosi Mokopakgomo Kgomokgwana wa Moiyabana a re go tlhoka tsebe ga baithuti go dira gore ba felele ba isitswe kwa lekgotleng go otlhaelwa go tlola molao. 

Rre Kgomokgwana o buile jaana ka Lwabotlhano kwa Moiyabana jaaka ba lekgotlana la peo ya ditsha la ga-Mmangwato ba ne ba abela baithuti ba sekole sa Mothamo kwa Moiyabana mesangwana ya bomme e le makgolo a fera bongwe le melora e e tlhapang legano. 

Kgosi o kopile baithuti go itsa gore ba nne ba bileditswe boitsholo jo bo sa amogeleseng ka Setswana se re, leina le le ntle motho o a le itirela. 

O supile fa baithuti ba inaakantse le ditagi tse di farologaneng tse di sa siamelang isago le botsogo jwa bone mme a ba rotloetsa go ikgapha mo go tsotlhe tse di maswe gore ba kgone go dira sentle mo dithutong. 

Mogokgo Willie o kgothaditse baithuti go nna le lenyora la thuto, ka e le yone fela e ka dirang gore ba fetole itsholelo ya kwa ba tswang teng go na le go inaakanya le botlhokatsebe. 

Rre Okatswa ene o rotloeditse baithuti go reetsa barutabana ka go sena bokamoso ntle le thuto mme a ba gakolola gore go inaakanya le tse di duleng mo tseleng ga go kitla go ba leretse isago e e siameng. 

Modulasetilo wa mokgatlho wa batsadi,barutabana le baithuti, Rre Galenyadiwe Odigetswe o supile fa nako e tsile gore sekole sa Mothamo se itsewe ka tse dintle go na le tse di maswe tse ba itseweng ka tsone mo motseng wa Moiyabana. 

Rre Odigetswe a re go monate gore ba balelwe mo go tse dintle go na le tse di maswe tse baithuti ba inaakantseng le tsone. 

O tlhaloseditse baithuti fa boitaolo le bodipa di se na maduo ape a mantle mme phelelo ya tsone e le loso, a tlatsa ka gore baithuti ba tsweletse ka mekgwa e e bosula ka e bile o fitlhele ba loba ba ba ba dirileng molato gore batle ba kgone go otlhaiwa tse ba di dirileng. 

Rre Odigetswe a re ba tshwanetse go bona gore kwa ba go tswang go ntse jang le gore ba ka go tokafatsa jang gore ba tswe mo letlhokong le ba leng mo go lone mme a supa gore se, se ka diragala fela fa e le gore go na le popagano ya bagolo le bana ba sekole. 

Rre Bagakolodi Motsamai wa ofisi ya tokafatso maduo ya lephata la kabo ditsha kwa Serowe, a re ke tshwanelo ya bone jaaka maphata a puso go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. 

Rre Motsamai o supile fa go nna le seabe mo botsogong jwa baithuti e le go ba kgothatsa gore ba tsenye moko mo dinameng mo dithutong tsa bone go na le go neela tshwene marapo ba bo ba inakanya le tse di tlaa ba gogelang mo thaelong. 

A re mpho e, ke tsela nngwe ya go tla go bona matlhoko a baithuti le sekole gore mo isagong ba ka ba thusa jaang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : MOIYABANA

Event : kgakololo

Date : 12 Sep 2017