Breaking News

Ba metse e e kgakala le ditlamelo ba rotloediwa go ititaya ka thupana

12 Sep 2017

E re ka motlapele a rile e a re go tlogelwa tsatsing se ikise moriting, banni ba metse e e kgakala le ditlamelo mo kgaolong ya Kgalagai Bokone ba rotloeditswe go tsenelela mananeo a puso go ithusa go tila manokonoko a lehuma. 

Se se builwe ke Mothusa tona wa lephatha la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso, mo diphuthegong tsa dikgotla kwa metseng ya Phuduhudu, Inalegolo, Maake, Monong, Ncaang, Zutshwa le Ngwatle beke e e fetileng. 

Mme Tshireletso a re go le gantsi banni ba metse eo, go ne go itshupa o ka re ba kgaphetswe kwa ntle ba sa kgone go akola dithuso tsa puso jaaka banni ba metse e metona le ditoropo. 

O tlhalositse fa lephata le filwe boikarabelo jwa go tlhomamisa gore banni ba metse e e kgakala le ditlamelo, puso e ba thusa go tlhabolola matshelo a bone, gore ba tle ba kgone go itepatepanya le phetogo ya seemo sa botshelo jwa segompieno. 

A re puso e ne ya itlama gore e tlaa thusa banni bao, ka mananeno a tshwana le la dipudi, dikgomo, kapei ya borotho, go roka jalo le jalo, a ka one go dumelwang fa banni ba ka kgona go a dirisa go bona dipoelo go itshetsa. 

Mme Tshireletso o ne a supa gore go a tshwenya go bona bontsi bo santse bo le maoto a tshupa go tsibogela mananeo ao go ka intsha mo lehumeng.

 Mothusa tona o supile fa bangwe ba neelwa mananeo, mme ba leseletse fela ba sa tlhoafalele go tlhokomela le go godisa dikgwebo tsa bone, mme ba felele dithuso tseo, di ba dule ka diphatlha tsa menwana. 

O ne a tlatsa ka gore ga ba kitla ba bona sebaka sa go buselediwa mo go neelweng mananeo a mangwe, ka jaana go tshwanetse go atolosetswa kwa go ba bangwe. 

A re go mo maruding a bone go bona gore ba a itsosa gore maikaelelo a puso a kgone go atlega. 

Mo go tse dingwe, o ne a ngongoregela go tlhoka go tsena sekole ga bana ba metse e e kgakala le ditlamelo, ka ebile le dipalo tsa bone kwa dikolong e se tse di nametsang. 

Mme Tshireletso o ne a ba tlhalosetsa fa go na le bana ba le sekete 1 049 kwa mmadikole le dikolo tse dingwe tsa ithutelo tiro ya diatla mme a supa fa dipalo tseo di le kwa tlase fela thata. 

O ne a supa fa bana ba ba tswang mo metseng e e kgakala le ditlamelo, ba puso ba setse ba ba bonetse diphatlha tsa mebereko tsa sennela ruri di ka tshwara 1 511. 

O ne gwetlha batsadi go tshwaraganela thuto ya bana go tswa fela kwa moding, go netefatsa gore bana ba tsaya dithuto tsa bone ka tlhoafalo gore ba tsoge ba kgona go itshetsa le gone go tlhabolola ba malwapa a bone. 

Mme Tshireletso o ne a tlatsa ka go re, puso e tshwenyegile ka batsadi ba ba sa obameleng molao o o sireletsang bana, ka jaana go lemotshega fa bana ba ntshiwa mo dikolong ba le dingwaga di kwa tlase ba tsena mo manyalong ebile gape ba ima ba sale ba botlana. 

Mothusa tona o ne a supa fa batsadi ba ba tlolang melao ya tshireletso ya bana ba tlaa tseelwa dikgato. 

Fa a tswa la gagwe, mogokaganyi wa ditirelo tsa dithuso tsa banni ba metse e e kgakala le ditlamelo, Rre Samuel Rathedi, o ne a rotloetsa batsadi go emela thuto ya bana ba bone ka dinao, ka jaana puso e itlamile gore fa bana ba bone ba fetsa kwa bo mmadikolo batla a thusiwa go batlelwa diphatlha tsa mebereko. 

Rre Rathedi o ne a ba rotloetsa go ithamela diphatlha tsa mebereko le gone go dirisa mananeo a puso ka fa tshwanelong go ka ba thusa go itlhabolola go na le go ba ya fela mo dithusong tsa puso. 

O ba gwetlhile go inaakanya le baeteledipele ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le maphata a mangwe a puso mo tikologong, go ba thusa go tla ka ditirelo dingwe tse di ka ba thusang go tlhabolola metse ya bone. 

Fa a tswa la gagwe, mothusa modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi, Rre Philipus Morerwa, o gwetlhile banni ba metse eo, go fetola ditlhaloganyo tsa bone, go nna tshaba e e lebang botshelo ka leitlho le sele la bogwebi le ka lone le ka ba thusang go tlola melatswana. 

Rre Morerwa a re mowa wa bogwebi o ka thusa le gone go nonotsha seemo sa itsholelo ya metse ya bone le gone go ka itepatepanya le phetogo ya seemo sa botshelo jwa segompieno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : PHUDUHUDU

Event : phuthego ya kgotla

Date : 12 Sep 2017